Dikgafela pinagare ya ngwao ya

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 09 August 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Masea a dingwaga tse di kwa tlase ga dikgwedi tse di lesome le bobedi a tlaa simolola go neelwa madi a tlhokomelo go simolola ka kgwedi ya Phatwe. Se se boletswe ke modulasetilo wa khansele ya Kanye, Rre Morapedi Kgosithebe fa a buisa morafe wa Gasita jaaka maphata a puso gotswa kgaolong ya Kanye a ne a isitse ditirelo kwa motseng oo ka Laboraro. O tlhaloseditse morafe gore madi a a tlaa akaretsa go tswa kwa kgweding ya Moranang 2026 go tsena mo go ya Phatwe 2026.

O ne a supa matshwenyego go tswa mo pegong ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse gore go tlhoka bosupi ja matsalo e ka nna ya nna kgwetlho gore bana ba bone ditshwanelo tsa bone mme ka jalo a rotloetsa morafe go ikitaya ka thupana go tsaya ditlankana tsa matsalo. A re kgwetlho ya bolwetse jwa tlhako-le-molomo e apesitse kobo ka letshoba ka jaana e emisitse botshelo ja Batswana segolo jang mo go itshetseng. O tlhalositse fa ditsamaiso dingwe tsa setswana jaaka tatolo di kgoreletsega ka ntlha ya dikiletso tsa tlhako le molomo.

A re go tshetsa bana mo malwapeng ke kgwetlho ka jaana go santse go emisitswe go rekisa dikgomo selo se a tlhalositseng fa se ne se thusa malwapa ka letseno. Modulasetilo o ne a tswelela ka go rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo go tsosoloseng terata ya twantsho matlhoko a leruo, a re ke seemo se se amang lefatshe ka bophara. O ne a tlhalosetsa ba Gasita gore ditlhabololo di tshwana le go baakanya ntlolehalahala ya motse di solofetse go akarediwa mo mading a ditlhabololo tsa kgaolo(CCP) a ngwaga ono.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Ka go rialo o ne a rotloetsa morafe go tlhokomela le go disa dithoto tse di mo motseng wa bone segolo jang ka a supile fa go na le tshenyo mo di tlhabololong tse di dirwang. O ile gape a rotloetsa morafe go tsaya lenaneo la thuo ya dikoko le dihutshane ka lekalana la CEDA a re go dira jalo go ka fokotsa letlhoko la ditiro le go tsisa letseno.Morafe wa Gasita one wa supa fa o amogela mananeo a tshwana le la thuo ya dihutshane le dikoko. Le fa go ntse jalo ba supile matshwenyego ka go nna le lefatshe le ba ka ruelang mo go lone ka jalo ba kopa baeteledipele go bua le lephata la Kabo ditsha go ba abela lefatshe gore ba kgone go inaakanya le go kopa dithuso tseo.

Fa a tsibogela matshwenyego ka lefatshe, Mogolwane wa dibuka tsa madi wa lekgotla la Kabo ditsha le le botlana la Maokane, Rre Oakantse Mogawana, o ne a re lefatshe la kgwebo le abiwa ka mokgwa wa phadisano e e nang le seelo sa go tsaya dipampiri tsa ikopelo. Mme o ne a re go ka nna botoka fa morafe o ka baakanyediwa thuto ka tsamaiso ya go dira ikopelo ya setsha sa kgwebo. A re se se ka baya morafe mo seemong sa go ka lepalepana le go ikopela lefatshe la dikgwebo

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • August 09, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope