Go amusa ka lebele ke mpho le kgodiso e e lolameng e e ka neelwang lesea gotswa mo motsading. Se se boletswe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya Kanye Rre Biki Kalake kwa segopotsong sa go amusa ka lebele kwa Selokolela ka Labotlhano. O tlhalositse fa mashi a mmangwana a na le dikotla tse di tlhokafalang go aga mmele wa ngwana.
“Dipalo tsa kgaolo ya Kanye di supa fa 59.9 per cent ya bana ba kgonne go amusiwa ka lebele ngogola, mme mo palong e, 78.3 per cent ele seabe sa bomme ba ba amusang ka letsele mo motseng wa Selokolela”, ga tlhalosa Rre Kalake, a bo a tlatsa ka gore se se supa fa kamuso ka lebele e kgonagala. A re go amusa ka lebele go na le dikotla le go fokotsa kgonagalo ya malwetse ga mmogo le dintsho tsa masea. A re go amusa ka lebele go thusa go fola ka bonako ga ga mme morago ga pelegi mme go hokoletse mme kgonagalo ya bolwetse ja kankere ya lebele le molomo wa popelo.
Mo godimo ga seo, a re go tiisa kgolagano gareng ga losea le mmaalone. O tsweletse a re fa kgaolo ya Kanye e dira sentle mo thotloetsong ya tshidilo ya bomme ba ba itsholofetseng le go netefatsa gore ba bona ditirelo tse di maleba ka tshosologo. O kopile ba Lephata la botsogo go tswelela ka go katisa badiri ba botsogo go tswelelela ba neela dithuto tse di tseneletseng ka kamuso ka lebele.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re go botlhokwa gore lephata la thuto le tsenye thuto ka kamuso ya lebele le ya dijo tse di nang le dikotla mo baithuting kwa dikolong. Mmelegisi wa kgaolo ya Kanye, Mme Thato Joubert a re kgaolo ya Kanye mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya ko loseeng ( PMTCT) e na le bana ba le 103 ba ba amilweng ke mogare, mme 57 per cent ya bone ba amusiwa ka lebele go tloga ka Ferikgong go fitlha Seetebosigo monongwaga (2026). Mme Joubert o tlhalositse gore bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba rotloediwa go amusa masea selekanyo sa dikgwedi di le thataro fa ba itekanetse sentle.
A re ba ba sa tsheleng ka mogare ba rotloediwa go amusa sebaka sa ngwaga go ya kwa go tse pedi. O tlhalositse fa mashi a lebele a tletse ka dikotla tsotlhe tse di tlhokegang bogolo jang mashi a ntlha/kgatsele. A re go amusa ka lebele ke tsela e e somarelang madi e bile e fokoletsa mme go nna le matshwenyego a gore o ka fepa ngwana jang.
Mme Joubert o supile bo-molemo jwa go amusa ka lebele mo go mmangwana e le go fola le go boela ga popelo mo seemong sa tlwaelo. Mo godimo ga seo o boleletse morafe gore go amusa go fokotsa matute mangwe mo mmeleng wa ga mme a a ka bakang kankere ya mabele, le gone go ima/itsholofela gape. Mme Joubert o tlhalositse gore bomme ba ba berekang ba ka gama le go boloka mashi a bone mo setsidifatsing gore ba a dirise moragonyana. O gateletse gore ngwana yoo amusiwang letsele a fepiwe gangwe le gape mo dioureng dingwe le dingwe tse tharo.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.