Mopalamente wa Lobatse, Rre Kamal Jacobs, o abetse banni ba Peleng digalase tsa matlho tse di balang di le lekgolo le masome a matlhano ka thuso ya ba bongaka jwa matlho, ba Eye Light. Rre Jacobs o tlhalositse fa maikaelelo e le go isa ditlamelo kwa bathong. A re dikokelo di tlhaelelwa ke ditlamelo mme o bone go le botlhokwa gore a thuse ka gore botsogo jwa matlho bo botlhokwa.
Rre Jacobs a re e tlaare kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le bobedi, a abele banni ba Woodhall, ka maikaelelo ke gore banni ba tlhatlhobiwe pele, go bona gore a ba kgona go bala. A re yo matlho a gagwe a batlang thuso e sele, a rotloediwe go bona ba bongaka jwa matlho kwa dikokelong. Rre Jacobs o abetse gape bagodi ba dingwaga tsed di masome a a ferang bobedi le go feta dijo le dikobo.
Mongwe wa banni ba Peleng ebile e le mogodi, Rre Odirile Pema, o ne a supa fa a itumetse thata ka mopalamete a kgona go gopola morafe. Rre Rex Rabanna, a re Rre Jacobs o supa lorato le go kgathala ka banni ba Lobatse ebile a rata go bona batho ba itumetse. Mogolwane go tswa kwa go ba bongaka jwa matlho kwa Eye Light, Rre Mark Madibela, e ne o boletse gore jaaka ba tlhatlhoba morafe, ba itemogela gore batho ga ba bone, mme ba ba rotloetsa go ya go bona ba botsogo jwa matlho kwa dikokelong ka bangwe go lebega ba tlhoka thuso ya loaro.BOKHUTLO
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.