Mookamedi wa Drones for Africa Mme Marang Mbaakanyi o rotloeditse balemi go inaakanya le maranyane a segompieno ka a ka ba thusa go oketsa thobo ya bone. O buile se kwa masimong a Dikabea go bapa le Palapye kwa balemi ba neng ba supa temo ya bone. Balemi ba ne ba supa tse di farologaneng tsa thobo di tshwana le mefuta e e farologaneng ya mabele, dinawa, ditloo, manoko, morogo, Ka jalo Mme Mbaakanyi o ne a kopa balemi go ithuta mekgwa e mesha ya temo, maikaelelo e le go e oketsa boleng jwa thobo.
A re balemi ba tshwanetse ba tlhakanye methale ya gompieno le ya bogologolo go tokafatsa le go tlhabolola temo ya bone. O ne gape a gwetlha balemi go ithuta maranyane ba bo ba a tlhaloganye gore ba kgone go a tlhakanya le temo e ba neng ba e dira mo nakong e e fetileng ka se se ka tkhabolola temo ya bone. A re mo nakong eno maranyane a tlhofofatsa temo jaaka go na le maranyane a drones a balemi ba ka kgonang go a dirisa go ba thusa mo temong.
A re di drone di kgona go dirisiwa go bala ditema bogolo jang mo nakong e balemisi ba tsayang nako ba bala ditema mo masimong, ka jalo di ka fokotsa nako e ba e dirisang mo masimong a le mangwe. A re balemi le bone ba ka dirisa drones go tshela menontshane mo dijwalong tsa bone kana tse di bolayang diji. A re le bone fela jaaka balemisi ba ka somerela nako e ba e tsayang mo ditshimong tsa bone Mme Mbaakanyi a re nngwe ya tiro e ntsi e e dirwang ke balemi ke go koba diji di tshwana le dinonyane mo tshimong ka jalo a re balemi ba ka dirisa drones tse di nang le segoagoe go dira modumo o o kobang dinonyane.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re ba ka dira modiumo o o direletsweng ruri ba koba dinonyane mme ba tswelele jalo ba ntse ba o fetola go ya ka malatsi gore o kgone go di koba ka boammaaruri. A re maranyane ga se a di drone fela mme go na le tse dintsi tsa segompieno tse balemi ba ka di dirisang kana ba ka di dirang go tlhabolola temo ya bone. O ne a supa fa temo e se motlhofo jaaka bangwe ba akanya, ka mo dinakong tse dingwe molemi a kgona go felelwa ke tshepo ka a a bo a dirile go le gontsi go leka go tlhabolola thobo ya gagwe mme go felela go sa nne jaaka a batla.
Ka jalo o ne a kopa balemi go sa ineeleng ka lefatshe leno le beile mo go bone. Mme Mbaakanyi o ne gape a kgothatsa banana go sa tshabeng temo ba akanya fa e le ya bagolo e bile e le segologolo mme ba itse fa e le khumo, ka e le kgwebo.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.