Banni ba Grootlaagte le East Hanahai kwa kgaolong ya Ghanzi, ba gwetlhile puso go tsenya leitlho tsamaiso ya mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma segolo bogolo mo metsaneng e e kgakala le ditlamelo. Ba buile se, kwa diphuthegong tsa kgotla bosheng jaaka komiti ya lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go dikologa lefatshe leno, go buisana le batho ba letso la Basarwa mabapi le dikgang tse di amang ditshwanelo tsa bone tsa setho mo mohameng wa tsa thuto, botsogo,bonno le tse dingwe tsa ditlhabololo. Mokhanselara wa pele wa Grootlaagte, Rre Pedros Moretlwa o ne a supa fa puso e ne ya fudusetsa banni ba letso la Basarwa kwa metsaneng e e mo tikologong ya Ghanzi.
A re ka nako ya phudugo eo, puso e ne ya ntsha mananeo a le mmalwa go thusa go tlamela banni ba metsana eo, gore ba kgone go tshela matshelo a a botoka. O ne a supa fa mangwe a maiteko a mananeo ao, a akaretsa la nyeletso lehuma le mo go lone a reng batho ba ne ba neelwa dihutshane le dikgomo go leka go ba tsamaisa tshipidi tonto go itlhabolola mo magaeng. A re ba lebogela maiteko a puso, mme ka maswabi, bontsi jwa banni ba ba neng ba filwe diruiwa le dithoto tse dingwe tsa itshetso ba setse ba iphotlhere ba fetogile batlhoki ba nta ya tlhogo.
Ka jalo, Rre Moretlwa o ne a kopa puso gore fa go dirwa mananeo go netefadiwe gore go nna le ditsetlana tse ka tsone, di tlamang moikopedi go tlhokomela dithoto tseo, gongwe fa go na le botlhaswa bongwe a lefisiwe. A re go dira jalo, gongwe go ka ba nonotsha go tlhokomela dithoto tseo, mme ba nne tlhaga go ema puso nokeng ka go tlhabolola matshelo a bone go nna a a itumedisang. A re molao wa tlhokomelo dithoto le bodiredi jo bo etelang baikopedi kgapetsakgapetsa go ka thusa go boloka madi a puso le gone go thusa puso go lemoga dintlenyane le dikgwetlho tsa lenaneo motlhofo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Kwa East Hanahai, Rre Keithabile Seleka o ne a a supa fa kwa motsaneng wa bone ba itemogela go sa tlhokomelesegeng ga dithoto tsa puso. Ka jalo, o ne a gwetlha puso go gatelela go tsaya boikarabelo ka dithoto dipe fela tsa yone, go netefatsa gore madi a setshaba ga a thelwe ka motlhobodika. Mo go tsa thuto, Rre Mankgane Kaashe wa Grootlaagte o ne a supa fa bana ba letso la Sesarwa ba tshabelelwa ke go tshaba sekole, a supa fa le dikgetsi tsa boimana jwa banana di le kwa godimo. O tlhalositse fa ba itemogetse gore, masula ao, a bakiwa ke gore bontsi jwa bana ba bone, ba tsena dikolo kgakala le batsadi ba bone.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.