Kgosi Kgari le morafe ba leboga puso

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 27 July 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena a re setshaba se kile sa garoga dipelo ka ngwaga wa 2024, morago ga kotsi e e neng ya gapa matshelo a batho ka bontsi jo bo neng bo sa tlwaelesega. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, o boletse fa go ne go le botlhoko thata mo morafeng wa Bakwena ka gore ba ba tlhokafetseng ba ne ba tswa mo motseng wa Molepolole. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgari III a re le fa morafe wa gagwe o ne o le mo kutlobotlhokong, o ne wa bona kemonokeng ya maemo a a kwa godimo go tswa mo pusong, ka nako eo ka fa tlase phathi ya Domkrag.

O ne a tlatsa ka gore Bakwena ba tsweletse ka go akola kemonokeng le mo pusong e ntsha ya Umbrella for Democratic Change (UDC). “Re leboga thata gore diphetogo tse, ga di fetole ka fa le re emang nokeng ka teng, lona ba le filweng marapo a go tsamaisa lefatshe. Re itumelela ka fa re emiwang nokeng ka teng ke botsamaisi le bogogi jwa lefatshe le,” ga tlhalosa Kgosi Kgari III.

O tlhaolositse fa maikaelelo a kokoano e le go apola matlapa a ba ba robetseng, mme a leboga mohumagadi wa ga Tautona, Mme Kaone Boko gore a ne a bona go tshwanela go phutha botlhe ba ba nang le bokgoni le dithata gore ba thuse mo tirong ya go etleetsa setshaba le go thusa ba malwapa a a tlhokafaletsweng. A re Mme Boko o dira se go gopola bana ba sekole sa Matsha College le baphuthegi ba kereke ya St Engenas ZCC ba ba neng ba tlhokafala mo dikotsing tsa tsela tse di farologanyeng le go sidila maikutlo ba malwapa. Kgosi Kgari III a re keletso ke gore, setshaba se seka sa iphitlhela se na le seemo sa go tshwana seo gape mo isagong.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re keletso ke gore ba ba amegileng mo dikotsing tse ba sidilege. Moemedi wa malwapa a ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya Mmamatlakala, Kgosi Kruger Kareng a re go latlhegelwa ke ba o tshelang le bone, ba go tlhokometse kgotsa o ba rata, go tlhakatlhakanya dikakanyo. Le fa go ntse jalo, a re le fa ba ne ba le mo maibing a kutlobotlhoko ya masetlapelo a a neng a ba wela, go botlhokwa go leboga puso ka gore e ne ya ema ka dinao ka gotlhe mo e neng e ka go kgona, go akarediwa dithuso tsa madi, dipalamo, dijo le tshidilo maikutlo gore manokonoko a bohutsana jo bo neng bo apere malwapa a fetoge kagiso le tsholofelo ya gore bohutsana bo apoge.

A re sengwe sa dilo tse di botlhokwa go nankolwa ke gore malwapa a a tlhokafaletsweng a ne a kgona go boloka ka tsela e e nang le seriti, a tlatsa ka gore le mo nakong ya gompieno seriti seo se santse se supagala. Le fa go na le dikgwetlho, le gore yo o tlhokafetseng ga go sepe se se ka mo emisetsang, Rre Kareng a re go botlhokwa go lemoga gore tsotlhe tse di dirilweng ke puso di ne tsa tlisa kagiso le thitibalo mo malwapeng.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • July 27, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope