Neelang dikokomane boswa

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 27 July 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Mopalamente wa Kanye Bophirima Rre Victor Phologolo o rotloeditse banni ba Selokolela go dirisa lenanaeo la thuo ya dikoko le dihutshane. Rre Phologolo o tlhalositse se, mo phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. A re se, se ka thusa go fedisa manokonoko a letlhoko la ditiro a ba a ba rotloetsa go ema ka dinao go dirisa lenaneo leo.

O tlhalositse fa thuso ya lenaneo le, e le kadimo ya madi go simolola ka P500, 00 go ya ko go P50 000,00 fa o eletsa go ruela mo lapeng. A re tsamaiso ya lone e dirwa ke lephata la CEDA. O tsibositse banni gore mmaraka wa koko ya Setswana ke o o solofetsang fela thata e bile go lebega fa Batswana ba ise ba kgone go o kaba.

Mopalamente o rotloeditse morafe gore go dira kgwebo go batla tlhaloganyo ya go tshepha fa kgato kgotsa mogopolo o tlaa ungwa gona le go akanya ka di tla morago pele. A re lenaneo la Ikageng le diretswe go fokotsa letlhoko la ditiro ka jaana le kgaogana le mmereki a le mo seemong sa go ka ikemela go dira tiro ya diatla. Rre Phologolo a re morago ga ithutuntsho, badiri ba lenaneo la ipelegeng ba neelwa ditlankana go rurifatsa fa ba kgona go dira tiro.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Banni ba ne ba supa fa ba amogela lenaneo leo la thuo ya dikoko, le fa ntswa bangwe bangwe ba lela ka letlhoko la lefatshe la temo thuo fa nako ya go rua dihutshane e goroga. Ba ne wa kopa Mopalamente go re go sekasekiwe mebaraka ya thekiso ya ditswa thuong ya dikoko go tila tiego e e ka tlogang ya baka tshenyego ya nama. Mo go tse dingwe, monni wa Selokolela Rre Leatile Kenalemongwe o ne a itela ka go sa tsheleng sentle mo motseng fela ka o tswa kgolegelong.Rre Kenamongwe o ne a tlhalosa fa banni bangwe ba ba jesetsa mo kgobedung ka go ba kgoba ka dipuo, ka jalo a ikopa Mopalamemte gore a go ka se nne le komiti e e ka rulaganyetsang go amogelesega ga ba ba golotsweng kwa kgolegelong go tsena mo setshabeng.

Mo godimo ga se o kopile gore go nne le letlole le le ka thusang go ba ema nokeng mo go simololeng go tshela mo setshabeng, ka jaana a re ba gololwa go sena se ba ka ithusang ka sone mme letlhoko la bone le le legolo thata. A re go nne le letlole le le ka thusang mo go ba simolodiseng dikgwebo tsa go dira ka diatla ka jaana ba tla ba rutuntshitswe kwa kgolegelong.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • July 27, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope