Mothusa ratoropo wa Lobatse, Rre Legodile Mothibi, o akgotse ba khamphani ya Delta Automotive Technologies kwa Lobatse, go itlhophela go thusa le go tshwaragana (Adopt-A-School) le sekole se segolwane sa Letsopa kwa Lobatse. Fa a bua kwa tshimolodisong ya go baakanyana matlwana a boitiketso a sekole seo kwa Lobatse, Rre Mothibo o tlhalositse fa matlwana ao, a sa le a sa bereke go tloga 2020 go fitlha mo nakong eno. A re Delta Automotive e rotloetsa thuto, ka e le nngwe ya ditshwanelo tsa setho.
Rre Mothibi a re se ba se dirang ke bontlha bongwe jwa go tlhabolola setshaba se ba direlang mo go sone, jaaka ba hirile banni ba Lobatse ba feta makgolo a mararo mme e bile dipalo di tlaa oketsega mo isagong. O boletese fa khamphani e sa itebaganya le go dira letseno fela mme e kgathala ka botsogo le bokamoso jwa baithuti Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng Borwa, Rre Moalosi Rasesia o boletse fa maikaelelo e le go dira tshwaragano ya semmuso ya sennela ruri ya sekole sa Letsopa le Delta Automotive Technologies. Rre Rasesia a re go tsere nako e telele baithuti ba dirisa matlwana a seemo se se diphatsa, mme jaanonong se se diragalang, ke go busetsa tshwanelo ya setho ya baithuti ka gore ga gona ngwana yo o tshwanetseng go tlhopha gareng ga serite sa gagwe le thuto.
Mookamedi wa Delta Automotive Technologies, Rre Darryn Hattingh, o tlhalositse fa bangwe ba baithuti, batsadi ba bone ba bereka khamphani mme ga ba jesiwa diwelang ke seemo sa matlwana a boitiketso a baithuti. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Barutwa Khwai, o lebogile ba Delta Automotive Technologies a re tiro e, e tlaa busetsa seriti, pabalesego, botsogo le kgomotso mo baithuting le barutabana. A re se, se supa fa khamphani e na le mowa wa bopelotlhomogi le boikarabelo, ebile ba itse botlhokwa jwa thuto mo go tlhabololeng setshaba. BOkhutlo Event :Tshimolodiso ya go baakanyana matlwana a boitiketso
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.