DIKGOSI TSA TETLANYO DI BOTLHOKWA- MOGOLWANE

Zimbabwe News Update

๐Ÿ‡ฟ๐Ÿ‡ผ Published: 02 June 2026
๐Ÿ“˜ Source: Daily News Botswana

Kgosi Malope II wa Bangwaketse o tlaa bolotsa mophato wa makawana a dingwaga tsa gotswa 1996 go fitlha 2000. Mophato o tlaa bolola mo mosong, kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a marataro. Ba tlaa amogelwa kwa kgotleng mo mosong wa letsatsi le le latelang ke Kgosi Malope II le morafe.

Tiro eo e tlaa wela fa Kgosi Malope II a sena go rurifatsa le go fa mophato leina. Makawana go ralala kgaolo ya GaNgwaketse a solofetswe go nna karolo ya mophato o. Se se boletswe ke moemela Kgosi yo mogolwane, Kgosi Kwelagobe Mookodi ka Labone, fa a ne a buisa babegadikgang mo boemong jwa ga Kgosi Malope II kwa Kgotleng kgolo ya Kanye.

Kgosi Mookodi a re thulaganyo ya mophato e simolodisiwa ka go bolotsa mophato, mme e wediwe ka go tlhomamisa mophato, o fiwa leina. O tlhalositse gore Kgosi Malope II ke wa mophatlo wa Matlotlakgosi. Kgosi Mookodi o tlhalositse fa maikaelelo magolo a go bolotsa mophato e le go rotloetsa le go ruta morafe ka mowa wa boipelego le go tsaya boikarabelo mo go tlhabololeng morafe.

๐Ÿ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

โ€œGo ipelega go tswa kgakala go eteletswe pele ke magosi le mo nakong e fetileng,โ€ ga tlhalosa Kgosi Mookodi. O tladitse gore thulaganyo ya dikgafela ke sengwe sa metlhale e neng e dirisiwa ke Dikgosi ka mephato le morafe go itirela dijo. A re mo godimo ga se, thulaganyo ya go nna jaana e kopanya morafe jaaka Kgosi Malope II a solofetse gore makawana go tswa kwa metseng e e farologanyeng kwa kgaolong a tle go kopana, go itsane le go naalana maele.

A re kago ya motse e simolola ka go bolotsa mophato, a tlatsa ka gore ka nako ya fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso, le ne le sena madi mme le ne le kgona ka boeteledipele jwa magosi, a tsaya boikarabelo jwa go tlhabolola merafe ka go dira ka mephato. A re tiro ya go bolotsa morafe ke go tlotlomatsa seriti le boleng jwa Kgosi yo o busang morafe ka nako eo. O tlhalositse fa Kgosi Malope II a setse a boloditse mephato e metlhano; Maakapula (1970 โ€“ 1975), o Kgosi Mookodi a welang mo go one, Malosankwe (1976-1980), Maakathata (1981-1985), Malwelanaga (1986 1990) le Malwelakgosi (1991-1995).

[/paywall]

๐Ÿ“ฐ Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana โ€ข June 02, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope