Mogolwane wa lephata la tikologo kwa khanseleng ya Ghanzi, Rre Ontiretse Peloyakgosi, o gwetlhile kgosi ya tetlanyo kwa koporaseng ya metsi kwa Ghanzi go nna kelelelo. O buile se, ka Labotlhano jaaka ba koporase ya metsi kwa Ghanzi ba ne ba tshwere moletlo wa go tlhoma Kgosi Pogisego Makale. ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Kgosi!!
Mong wa rona, Morwala gotlhe wa Morafe. Rre Peloyakgosi a re tsamaiso ya merero ya go aga lefatshe, e simolodisitswe ka fa tlase ga bogosi ka jalo, bogosi bo na le serodumo se se kwa godimo mme botlhe ba ba segofaditsweng ka go fiwa maemo ao, ba tshwanetse go nna sekao ka maitsholo le ditiro tsa bone mo setshabeng. Rre Peloyakgosi o iteetse ba koporase ya metsi legofi ka go tswakanya tsamaiso ya ditirelo tsa bone le ngwao a re seo, se tlaa ba thusa go tokafatsa ka fa ba ntshang ditirelo ka teng.
O kopile kgosi go ela tlhoko gore tsamaiso ya ngwao ga e gotlhagotlhane le e e tlhomilweng ke koporase, a bo a gatelela gore go nne le mowa wa therisano, go rotloetsang popagano le tirisano mmogo fa gare ga bodiredi le setshaba. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego, Mme Eva Bogodu, o gwetlhile kgosi go nna kelelelo mo dikgannyeng tse di amang bodiredi, gore di a dibelwa ebile ga di tseelwe letlhakore fa di sekasekwa. Mogolwane wa koporase ya metsi kwa Ghanzi, Rre Omphemetse Kealeboga, ene o supile fa peo ya kgosi ya koporase e tlaa mo imolola morwalo wa go rarabolola dikgetsi tsa bodiredi a le nosi.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re go le gantsi fa go ka tshokana matshego a kgalemo mo diofising a tlhotsa, go na le kgonagalo ya gore go nne le ngwao ya go ipagololela mogodu ga bodiredi. Kgosi Kabelo Ramoswaane go tswa kwa Kole, o kgadile mokgwa wa go susumetswa madi gore kgosi a tseye letlhakore go rarabolola dikgang, a re Kgosi Makale a nne boikanyego mo tirong ka go ema kgatlhanong le borukutlhi. A re fa a ka seke a ela tlhoko seo, go tlaa mo paledisa go ntsha maduo a a itumedisang mo tirong ya gagwe mme seo, se mo tlisetse dikgang.
Fa a amogela thomo, Kgosi Makale o ne a solofetsa bodiredi fa a tlaa nna modisa yo o molemo ka go gata mo dikgatong tsa yo a sa tswang go mo neela teu. A re o tlaa dira ka natla go somarela tshwaragano ya bone mme fa go tlhokang go tokafadiwa, o tlaa kopa bogakolodi jwa baeteledipele le bodiredi.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.