Khansele ya Palapye e babalelwa ke dituelo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 05 May 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Modulasetilo wa Khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile a re ka nako metswedi ya puso ya madi e kgadileng, khansele e kokonetswe ke go duela sekoloto sa metsi sa madi a a kana ka P3.7 million ka kgweding ya Mopitlo monongwaga. Rre Ketshogile a re sekoloto seo, se ne se le kwa godimo fela thata, ka jalo o kopile baeteledipele mo maphateng ka go farologana go tsibogela go baakanya dipompo tse di dutlisang metsi mo dikagong tsa puso. Rre Ketshogile o ntshitse kgakololo eo bosheng mo leetlong la gagwe la diofisi tsa puso ka go farologana jaaka dikokelwana, dikole tse dipotlana le dikgotla mo metseng ya kgaolo ya Palapye.

A re o itemogetse fa bontsi jwa dikole di sa ele tlhoko le go tsiboglea paakanyo ya dipompo tse di dutlisang metsi mo matlwaneng a boitiketso. Rre ketshogile a re mo bontsing jwa dikolo tse di a etetseng o lemogile fa bontsi jwa dipompo mo matlwaneng a boiteketso di senyegile e bile tse dingwe di eledisa metsi bosigo le motshegare mme di sa tsibogelwe. A re kgang e o, e tshwenya flea thata, ka gore bontsi jwa metsi a bolaisang khansele a nowa ke lefatshe ntateng ya dipompo le diphaephe tse di dutlang.

O kopile bagokgo gore ba emise go ikganelela fela mo diogising, mme ba tsee boikarabelo jwa go ela tlhoko kgang ya gore dipompo tsa metsi tse di kwa matlwaneng a boiteketso le kwa maapeelong, di a bereka kana di senyegile, di a tswalwa gore di seka tsa tsholola metsi. A re go tswala dipompo tse di eledisang metsi e ka nna nngwe ya ditsela tsa go fokotsa koketsego ya sekoloto ga mmogo le tshenyego ya metsi. Rre Ketshogile a re tlhokomelo ya metsi ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe, e seng bodiredi jwa khansele kana ba lephata la metsi fela.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Mo go tse dingwe, Rre Ketshogilke a re o lemogile gape gore dikolo jaaka se segolwane sa Bakgopheng, le tse dipotlana kwa motseng wa Moremi le wa Lesenepole di tlhorontshiwa ke Bommamanthwane, a re monko wa mantle le moroto wa dinonyane tse o hupetsa baithuti le badiri ba sekolo mo o ka amang botsogo. Ka jalo a re se se tshwanetseng go dirwa ke go tlhomamisa gore dikago tsa dikolo tse di mo seemong se se siamegtseng baithuti ka go batla maano a go koba Bommamanthwane. A re sengwe sa tse di tshwenyang kwa sekoleng se segolwane sa Bakgopheng ke gore boroko jwa baithuti ga bo mo seemong se se jesang diwelang, ka jalo a re go tlhokana le gore di baakanngwe le go tlhomamisa gore baithuti ba kgona go thuthafatsa metsi ka jaana go tsena paka ya mariga. Rre Ketshogile a re mo nakong eno baithuti ba ba nnang mo sekoleng ba dirisa dikgong go thuthafatsa metsi a tlhapang.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • May 05, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope