Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le ngwao, Rre Ignatius Moswaane a re go botlhokwa go ruta setshaba ka bomosola jwa go aga malwapa a itshetetseng mo motheong wa kagiso. O buile jalo bosheng, a akgola ba mokgatho wa Happy Family Foundation go bo ba tshwere ka thata go bopa setshaba. Rre Moswaane a re dithuto tse ba di dirang di supile fa di nonofile go fetola matshelo a batho ba le bantsi Ba Healthy Family Foundation ba tshwaraganye le khansele ya Selebi Phikwe ba ne ba rulagantse thuto-seka-dipuisano kwa Selebi Phikwe, e neng e tsenwe ke morafe le baemedi ba makalana ka go farologana.
A re go tlhoka go tsoga ga malwapa go rwesa puso mokgweleo wa go dirisa madi a mantsi go tlhokomela ba ba amegileng. O ne a rotloetsa batsena moletlo go tsaya dithuto ka tlhwaafalo le go di fetisetsa kwa go ba ba tshelang le bone. Rre Moswaane a re boitumelo mo malwapeng bo ka fokotsa malwetse a tshwanang kgatelelo ya maikutlo, jwa madi a matona le a mangwe.
Fa a tswa la gagwe, Rre Percy Thaba yo e leng mosimolodisi wa Healthy Family Foundation a re se a se dirang e tsile jaaka pitso mo botshelong jwa gagwe, a santse a le kwa tlase ka dingwaga. Rre Thaba o tlhalositse fa go tlhoka go golela mo lelwapeng le le iketlileng e le go ne go neng ga mo gwetlha go ema ka dinao go rotloetsa le go lemotsha setshaba mosola wa go golela mo lelwapeng le le nang le kagiso. O ne a kaya fa a ne a nna le lesego a kopana le mme yo nang le dikakanyo tse di tshwanang le tsa gagwe, ka jalo ba tsweledisa ditoro tsa bone tsa go ruta le go kgotlhatsa setshaba.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
o tlhalositse gore Healthy Family Foundation, e itumelela go utlwa bopaki jo Batswana ba bo ntshang morago ga dithuto mme a tlhalosa fa go ba nonotsha go tswelela ba ruta le go kgotlhatsa setshaba. Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Oageng Makgosa o tlhalositse fa boeteledipele ba khansele bo dumela thata mo tshwaraganong ya ba-na-le-seabe go godisa itsholelo le go fetola matshelo a banni ba toropo ya Selebi Phikwe. Rre Makgosa o tlhalositse fa a nameditswe pelo ke dipalo tse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba neng ba tsena dithuto tseo ka yone, a tlhalosa fa se se supa fa ba ikemiseditse go fetola matshelo a bone.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.