Kgotla ya molao-motheo ga ena

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 04 March 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Seemo se se sa itumediseng sa ditsela se gwetlhile lephata la dipalamo le dikago go batla methale e e tlhabologileng ya go di tlhabolola, go tokafatsa mesepele ya dithoto le batho. Tona wa lephata, Rre Noah Salakae, a re seemo sa ditsela tse di tona le tse di mo gare ga metse ga di mo seemong se se jesang diwelang mme dingwe tsa tse ditona jaaka ya Trans Kalahari Corridor (TKC) di gokaganyang mafatshe. O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa Charleshill fa a ne a rolela banni molao kakanyetso wa go tlhabolola ditirelo tsa lephata, go itepatepanya le phetogo ya seemo sa ditlhabololo, le molao kakanyetso wa go oketsa ditlhotlhwa tsa dipalamo tsa setshaba.

A re seemo se tlama puso go tlhabolola ditsela mme maitemogolo ke gore, go ne go dirisitswe metswako e e sa kgoneng go itshwarelela mo seemong sa go fetoga ga loapi. Rre Salakae a re puso e dira maiteko a go tla ka methale e e tlhabolotsweng go dira ditsela tse di ka kgonang go emelana le go fetoga ga seemo sa loapi mme di kgone go itsetsepela lobaka di sa tlame puso go di baakanya kgapetsakgapetsa ka ditshenyegelo tse di kwa godimo. O tlhalositse fa puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, a supa fa lephata le abetswe madi a a ka tshwarang P3.3 billion, mme a re ditshekatsheko tsa go baakanya ditsela go ralala lefatshe leno, di ka ba lopa madi a a ka tshwarang P103 billion.

Le fa seemo sa madi se sa letle, Rre Salakae a re ba tlaa dira maiteko a go itebaganya le paakanyo ya ditsela tse di kgolwane ka di tlaa thusang puso go kgobokanya madi ka dituelo tsa metsamao ya dithoto go ralala lefatshe leno go babalesegile. A re puso e tlaa tswelela ka go dira ditsela tse di sa tshelwang sekonotere ka go nna di gopiwa go tokafatsa mesepele gammogo le tse di gokaganyang metse le meraka le masimo. Rre Salake o tlhalositse fa puso e dira maiteko a go atolosa ditsela tsa go tokafatsa mesepele ya dithoto ka go dira ditshekatsheko tsa go oketsa kago ya diporo tsa terena jaaka sa Namibia le Botswana.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re seporo seo, se tlaa thusa go tsamaisa dithoto tse di bokete di tshwana le lookwane le magala mme seo se babalele botshelo jwa ditsela tsa sekonotere. Mo dikgannnyeng tse dingwe o ne a itsise morafe fa makgotla a dipalamo tsa setshaba ba tsentse kopo go oketsa ditlhotlhwa tsa dipalamo tsa setshaba go simolola Morananng a rogwa. A re dipalamo tsa maeto a matelele ba kopile go oketsa go tswa mo go dithebe di le masome a mararo le botlhano go ya kwa go masome a mararo le boferabobedi selekanyo sa khilomethara nngwe le nngwe. Dipalamo tsa mebotokara tsone di tlaa tswa mo dipuleng di ferabobedi go ya kwa dipuleng di le lesome, mme ya ikopelo e faphegileng e tla tswa mo go masome a mararo a dipula go ya kwa go dipuleng tse di masome a marararo le borataro.

[/paywall]

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ March 04, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope