Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Ketlhalefile Motshegwa o rotloeditse banni ba Robelela le Tshokwe go tiisa metlhale yotlhe e ba ka e kgonang go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo. Rre Motshegwa, yo gape e leng Tona wa dikgaolo le tsa ngwao o buile se kwa diphuthegong tsa kgotla ka Mosupologo, a tlhalosa fa metse ya Robelela, Tshokwe le Mabolwe e le mengwe e e mo diphatseng tsa go amiwa ke bolwetse fa go ka seka ga potlakelwa metlhale e mengwe ya go bo kganela. Metse eo, e bapile le molelwane wa Zimbabwe le Botswana, ka jalo go motlhofo gore dikgomo di tlolele kwa ntlheng e nngwe, kwa pheletsong, go bake go anama ga bolwetse.
Rre Motshegwa o ne a tlhalosa fa kwa Zimbabwe, kwa bolwetse bo simologileng teng, ba sa kgone go bo lwantsha ka jalo go le motlhofo gore bo aname le dikgaolo tsa bone. E ntse e le yone tsela ya go lwantsha bolwetse, a re ba lephata la lefatshe le temo thuo ba na le tumalano ya gore kampa ya Mmadikgaka e dirisiwe ke ba mophato, ba sepodise le masole mme e tlaare mo nakong e e seng kgakala ba bo ba ka e rolelwa semmuso. Rre Motshegwa o supile fa se, se tlaa thusa thata go lwantsha bogodu le go ne go ka lwantsha bolwetse ka go laola motsamao wa leruo.
O ne a tlhalosa fa go se motlhofo go laola motsao wa ditlou ka di okiwa ke metsi mo matamong. A re puso e na le moakanya wa go abela batho dipolase go bapa le terata ka se, se ka thusa thata go laola le go tlhomamisa gore terata ga e senngwe ke ditlou. Fa ba akgela mo mafokong a ga Mopalamente, banni ba supile fa ba tshwere ka thata go tsosolosa terata e e kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Zimbabwe, e le maiteko a go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mongwe wa banni go tswa kwa Robelela, Rre Pinkie Dinamune a re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba goga dinao go ka tsenya letsogo mo tirong e e tlhokang seabe sa botlhe. Rre Dinamune o ne a tlhalosa fa maiteko a bone a kgoreletswa ke ditlou tse disailang ka bontsi mo lefelong leo.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.