Ngwaga wa 2026 ke oo haphegileng mo Batswaneng, ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela ngwaga tse di masome a marataro le ipusa. Di le dintsi di diragetse mo dingwageng tse di fetileng, tse Motswana a ka ipelang ka tsone. Gape fa Botswana a ikala ka mafatshe a mangwe, go santse go le gontsi mo go ka dirwang, go tlhabolola lefatshe le matshelo a Batswana.
Ka jalo, BOPA e ne ya buisana le Batswana ka tse ba di eletsang go ya pele, e le sesupo sa gore Botswana o na le dingwaga a ipusa mme e bile, o gatetse lepe. Rre Tshepo Kebogane (42), wa kgotla ya Goo-Mabe kwa Molepolole a re Botswana o tsamaile sentle le dipaka mme mo bogompienong go mo Motswaneng mongwe le mongwe go bona gore o ka dira eng se se ka thusang lefatshe go tlhabologa. Rre Kebogane, yo o berekang e le mookamedi wa McRay Royal Arts, ke motaki yo o dumelang gore bataki ka ene ba tshwanetse go tlhagafalela go ngoka bareki ba mafatshe a mangwe ka go inaakanya le tiriso ya maranyane go tlhabolola dikitso tsa bone le go ipapatsa.
“Mo bogompienong mafatshe jaaka la China a setse a dirisa maranyane a 7G fa mono re santse re dirisa 5G. Re tshwanetse re itshepe e bile re ipaakanye go dira ditlhabololo tse e leng gore Botswana o tlaa fetoga ka ntlha ya tiriso ya maranyane,” Rre Kebogane a kgothatsa. A re boitsaanape jwa metlha eno ke jwa maemo a a kwa godimo mme Botswana a sa inyatse ka gore o gatetse pele, a fa sekai ka sekapa-ditshwantsho sa lefaufau sa BOTSAT- 1.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Rre Kebogane a re se, ke katlego e e tshwanetseng go gwetlha bataki go dirisa maranyane go rekisa Botswana. “A re simololeng gone fa, re seka ra lelela sepe se se kwa morago mme re lebe kwa pele a bo re bona gore Batswana ba neelwa eng gore ba kgone go dira eng. Nna tota ke batla go bona re tsene kwa dielong tse di kwa godimo tsa mafatshefatshe,” Rre Kebogane a tlhalosa.
Mme Itumeleng Botlhoko (41), wa kgotlana ya Mashadi kwa Thamaga, yo e leng moetelepele wa khamphani ya Seedpod Capital, a re baeteledipele ba tshwanetse go kanoka ditlhabololo segolo jang tse di amanang le botsogo, ditlamelo tsa letsatsi le letsatsi ga mmogo le kgatelopele ya madirelo. Fa Mme Boniswa Bayani wa kgotlana ya Magokotswane kwa Molepolole a re thuto e remeletse mo go baleng le go kwala, mme seemo seo se baya ka fa mosing dikitso le dineo tsa baithuti ba bangwe. A re o dumela gore Batswana ke bone teemane ya lefatshe, ka jalo, go ka nna mosola gore go agiwe madirelo a a ka tlhamelang badiragatsi ditiro gore ba itshetse ba bo ba itlhabolole, go lepalepana le metlha eno ya go dira letseno ka maranyane.
Mokapa ditshwantsho e bile e le monni wa Francistown, Rre Brighton Mandevu, (24), a re o eletsa go bona go na le diphetogo mo go tsa tiriso maranyane segolo bogolo Youtube, Tiktok ga mmogo le Facebook. Rre Mandevu a re tiriso ya maranyane mo mafatsheng a mangwe e tsenyetsa badiragatsi madi.
[/paywall]