Ba Gabamochaa ba itela mo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 11 June 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Tona wa lefatshe le temo-thuo Dr Edwin Dikoloti o kopile banni ba Mmathethe le metse e e mabapi go potlakela go aga terata e e kganelang motsamao wa leruo. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, Tona o supile fa puso e lemoga manokonoko a go emisa thekiso ya dikgomo. A re ke ka moo go leng botlhokwa gore terata eo e potlakelwe gore bolwetse jo mo nakong ya gompieno bo utlwalelwang kwa Molapowabojang le Kgomokasitwa bo seka jwa anamela kwa pele.

O supile fa seo gape seka thusa gore gongwe e kare mo bogaufing, puso ya sekaseka seemo sa bolwetsi mme kwa bo seong teng barui ba ka letlelelwa go rekisa. Dr Dikoloti o supile fa mo nakong ya gompieno gole botlhokwa gore mongwe le mongwe a eme ka dinao go lwantsha bolwetse, a supa fa bo sa babalele barui fela mme bo ama le itsholelo ya lefatshe. O supile fa terata eo e simolola kwa Ramotswa, mme e fete ka Otse, Ranaka, Kanye, Mmalore, Banyana Farms go fitlhela e wela kwa Werda mme e le sekgala sa dikhilomethara tse 330.

“Go tlaa nna le balebeledi ba dikgoro tsa terata eo go netefatsa gore ga gona dikgomo tse di fetelang ka fa ntlheng e nngwe,” ga bua jalo Dr Dikoloti. O kopile setshaba gore morero wa go aga terata eo, o seka wa nna moleele ka jaana bolwetse bo ka tloga jwa jwelelela go santse go rerwa jaaka go diragetse kwa dikgaolong tsa Barolong. E ne e rile gole pele, Kgosi wa Mmathethe Kgosi Thabo Mathiba a supa fa mephato ya motse wa gagwe e le malala a laotswe go dira tiro eo ya go aga terata.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

O ne gape a kopa morafe wa gagwe gore ope fela yoo kgonang a ithaope go thusa, a supa fa seo seka dira gore bolwetse bo fenngwe ka bonako. Mongwe wa ba-tsena phuthego, Rre Lesedi Lekgowe ene o supile fa a amogela kopo ya ga Tona Dikoloti mme a tlhalosa fa dikgomo tsa matimela e le tsone di tsileng go dira gore bolwetsi bo nne dingalo go fela. O kopile ba ba maleba gore ba leke go tsaya dikgomo tseo ka di sa laolesege.BOKHUTLO

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • June 11, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope