Tlhaelo ya metsi e tla bona tharabololo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 30 January 2026
📘 Source: Daily News Botswana

a boleletswe fa thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi go tswa kwa didibeng tsa Dukwi e tsweletse sentle. Se,se tlhomamisetswe ke Tona ya Metsi le Bonno, Rre Onnetse Ramogapi kwa phuthegong ya kgotla kwa Nata ka Mosupologo. A re tiro eo, e e tlaa lopang P500 million,e akaretsa go epiwa ga didiba, go agwa ga matamo a tlhotlhang metsi le ditanka tsa metsi.

Rre Ramogapi yo gape a leng mopalamente wa Palapye, a re tiro eo e e setseng e simolotswe go dirwa, e solofetswe go wediwa monongwaga ka kgwedi ya Ngwanatsele. A re seo e tlaa bo e le yone tharabololo ya sennelaruri, a supa gape fa go okeditswe didiba tse di leng teng ka tse tlhano, seo e le go oketsa metswedi ya metsi. Mo go tse dingwe, Rre Ramogapi o boletse fa go nnile le tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo kwa mafatsheng a Zimbabwe le South Africa.

O ne a gwetlha banni go nna matlho a puso mo go thibeleng go anamela mono ga bolwetsi joo. A re go a tshwenya go bona barui ba latlhegelwa ke leruo la bone ka ntata ya bolwetsi joo. O ne a kopa barui go nna le seabe ka go sala morago melawana e ba e beilweng pele ke ba lephata la taolo matlhoko a leruo.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Fa a ama ka lenaneo la Bonno,o kaile fa go segilwe ditsha di le 141 kwa Nata. A re rakonteraka o setse a neetswe tiro mme a tlaa thapa beng-gae. O boletse fa matlo ao morago ga go wediwa a tlaa bulelwa Batswana bogolo jang ba ba senang ditsha tsa bonno go a reka, a re dituelo di kwa tlase ka go nale a a duelwang P375 ka kgwedi.

Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Rre Ramogapi o boletse fa mo thulaganyong eo ya go atolosa go siela kgaolo metsi, go tlaa nna le fa go tlhatswiwang metsi teng go a fokotsa bokete jwa letswai gore a siamelwe go ka nowa. E rile ba tsibogela tekodiso ya ga tona, banni ba ne ba amogela thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi ka leshalaba le legolo. Kgosi wa Nata, Rre Justin Ntuane a re metsi a kgaolo eo a letswai mo e bileng a senya didirisiwa tsa bone.

Kgosi Ntuane a re seemo sa kgaogo ya motlakase le sone se a tshwenya, ka morago ga kgaogo eo, metsi le one a a kgaoga mme go tseye malatsi batho ba bolawa ke lenyora. Morago ga phuthego eo,tona o ne a etela madirelo a metsi, kwa a fetileng a lekodisiwa fa seemo sa thulaganyo eo se tsamaya sentle le ntswa se etla se kgorelediwa ke dipula tse di gosomaneng bosheng.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • January 30, 2026

Powered by
AllZimNews

By Hope