Kago ya letamo la Thune le diphaephe tse di phatlalatsang metsi mo metseng ya Bobirwa e kgaogantswe ka dikonteraka di le thataro go isa metsi kwa metseng e le lesome. Fa a araba potso kwa Palamenteng ka Mosupologo, mothusa tona wa lephata la metsi le bonno, Rre Motsamai Motsamai o tlhalositse fa dikonteraka tse nne tse di akaretsang kago ya letamo la Thune, mafelo a go tlhatswa metsi le diphaephe tse di isang metsi kwa metseng ya Lepokole, Gobojango, Semolale, Mabolwe le Mathabaneng, di weditswe ka ngwaga wa 2018. Rre Motsamai o ne a re dikonteraka tse pedi (contract 3B le 3C) tse le tsone di tlaa isang metsi kwa metseng e e boletsweng di tlaa dirwa, a tlatsa ka gore lephata ga le ise le kgone go simolola dikonteraka tse ka mabaka a letlhoko la madi.
O ne a tswelela a tlhalosa fa dikonteraka tse pedi tse di setseng (Contract 3B le 3C), tse le tsone di tlaa isang metsi kwa metseng e e setseng, di ise di simololwe ka ntlha ya tlhaelo ya madi. Rre Motsamai o ne a tlhalosa gape fa maiteko a ne a dirwa ka 2024 go simolola tiro eo, mme ga seka ga atlega ka jaana nngwe ya dikhampane tse di neng di tseneletse mo thendareng ya Contract 3B e ne ya ganetsa maduo a thendara mme ya isa kgang kwa lekgotleng la Procurement Tribunal, a tlatsa ka gore kgang eo ga e ise e rarabololwe. O ne a tlhalosa fa maikaelelo a lephata e le go diragatsa tiro e e saletseng kwa morago ya Contract 3B le 3C fa seemo sa madi se ka tokafala mo ngwageng wa madi wa 2026/2027, gape le fa kgang ya Contract 3B e setse e rarabolotswe kwa Procurement Tribunal.
Mopalamente wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Taolo Lucas, o ne a kopile tona go tlhalosetsa Palamente gore tiro kgotsa thulaganyo e kopanyang noka ya Thune le metse ya Lepokole, Gobojango, Semolale, Mabolwe le Mathabaneng go ba neela metsi e tsamaya kae. Rre Lucas o ne a kopa go tlhalosediwa ka dikgwetho tse ba kopanang le tsone go thibela maikemisetso ao, mmogo le gore ba tlaa rarabolola jang.
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.