Badiragatsi ba rotloeditswe go bereka mmogo go ipetlela isagong e e rileng. Se se builwe ke mopalamente wa Molepolole South, Rre Shima Monageng ka letsatsi la mafatshefatshe la baboki kwa Molepolole ka Matlhatso. Rre Monageng, yo le ene a dirileng ka sebaka mo seromamoweng, a re tshwaragano e aga isago ya sennela ruri.
A re go tlhoka tirisanyo mmogo yabadiragatsi go supa gore sengwe ga ba se dire sentle. Ka jalo, o ne a kopa badiragatsi go bopagana ka gore fa ba bua ka lentswe le lengwefela, ba ka kgona go reediwa, mme matshwenyego a bone a kgone go rarabololwa. Rre Monageng o ne gape a kopa baboki gore ba dirise talente ya bone go dira madi.
A re metlha ga se ya maloba, e baboki le badiragatsi ka kakaretso ba neng ba sa bone dikatso. Rre Monageng a re puso e itlamile go dira mmogo le badiragatsi mme le ene o emetse dikgang tsa bone ka dinao ka jaana kgapetsakgapetsa a ba buelela kwa palamenteng ka le ene ele modiragatsi. O ne a ba fa sekai sa batabogi ba mabelo ba e rileng mo dingwgaeng tse e seng kae ba fiwa matlo a a fetotseng matshelo a bone mme ba dirisa talente ya bone.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mopalamente o ne a supa fa badiragatsi le bone baka dirisa talente ya bone go aga botshelo le bokamoso jo bo itumedisang. O ne a tlatsa ka gore modiragatsi wa nnete ga a dirisa tiro ya ga ope, ka a tshwanetse go dira tiro ya gagwe e e pharologanyo. A re seo se naya modiragatsi sebaka sa go atlega ka balatedi ba tlaa rata tiro ya gagwe ba sa e tshwantshanye le ya ga ope.
Mookamedi wa lekgotla la Maruping Poetry Organisation, Mme Keabonye Bareeng a re letsatsi leo le kgobokanya baboki go tla go ipelela talente ya bone ka jaana poko e anamisa molaetsa ka puo ya molomo. A re letsatsi leo le fa baboki, bogolo jang ba banana, sebaka sa go supa talente le bokgoni jwa bone. Mme Bareeng a re e re ntswa letsatsi leo e le la baboki, badiragatsi ba bangwe le bone jaaka borradikatara ba nna teng ka e le bana ba molodi o le mongwe.
O tladitse ka gore maikaelelo magolo a bone ke go itumelela letsatsi leo ngwaga le ngwaga, mme keletso ya bone ke gore badiragatsi botlhe ba tseye karolo mo go lone. A re lekgotla la bone le tlhamilwe ka 2016, maikaelelo a lone e le go neela ba-na-le-bogole sebaka sa go supa le go godisa talente ya bone le go supa gore go nna le bogole ga se sekganedi se se ka itsang mo-na-le-bogole go supa bokgoni jwa poko ya gagwe.BOPA
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.