Seemo sa sekole sa Ngambao

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 16 February 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane, o kaile fa seemo sa sekole se segolwane sa Ngambao kwa Seronga se ngomola pelo e bile se tlhoka go potlakelwa. Mangwe a matshwenyego a a lebaneng sekole seo ke letlhoko la malao le materase le matlo a bonno a baithuti a a senang mabati. Rre Moswaane o ne a etetse sekole morago ga gore Mopalamente wa kgaolo ya Okavango Botlhaba, Rre Gabatsholwe Disho, a mo kope go ya bona seemo sa sone.

O ne a re o tlaa isa pego kwa go tona wa Lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go Tswa kwa Moding, le fa gone mathata ao a ba ama botlhe bo tona ba ba mo pusong. A re tsholofelo ke gore lephata leo letla atla ka ditlhabololo mme a re le ba makalana a a ikemetseng ba ka tsenya letsogo go thusa. Rre Disho o supile fa a setse a kile a dira maiteko ka go kwala pego ka seemo sa sekole, mme karabo e a e filweng e ne e e se e e nametsang.

A re matlo a borutelo a tlhaelela kgakala, ka gore ditlhopha tsa baithuti di masome mabedi mme matlo a a siameng go ka rutela bana a lesome fela. A re bana bangwe ba tsenela mo matlong a borutelo a a sa itekanelang fa bangwe ba rutelwa kwa ntle. Mogokgo wa sekole, Mme Manno Kgwabi, o tlhalositse fa sekole se na le bana ba le 836 mme ba le 574 ba nna mo sekoleng mme matlo a bonno a tlhaela. Rre Moswaane o ne gape a lekola seemo sa melemo kwa kokelong ya Seronga kwa a tlhaloseditsweng fa e le teng le ntswa balwetsi ba fiwa selekanyo se se kwa tlase go na le pele, e le tsela ya go laola seemo gore melemo e se tlhaele.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ February 16, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope