Banni ba kgotla ya Mathuba kwa Serowe ba kopile bodiredi jwa khansele le mopalamente wa Serowe West, Rre Onalepelo Kedikilwe go potlakela go baakanya sekole se se pbtlana sa St Gabriel. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Moses Monthe a re sekole sa St Gabriel se tlhoka go shafadiwa le go agelwa matlwana a boiteketso a masha ka a a leng teng a le kotsi mo baithuting. Rre Monthe yo a neng a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente ka Mosupologo, o tlhalositse fa dikole kwa bontsi di le mo seemong se se tshwenyang.
Mo go tse dingwe, o kopile puso go potlakela theko le kanamiso ya melemo mo dikokelong le dikokelwana. A re bolwetse bo tshwana le jwa madi a matona bo tlhoka gore motho o nwe dipilisi tsatsi le letsatsi. O boletse fa kokelo ya Sekgoma e tlhoka go tlamelwa ka didirisiwa ka e sena ditlamelo jaaka palo ya bongaka e e tlhaelang, metshine e e bonesang (x-ray, scan) le metswako e e tlhotlhang madi.
Rre Monthe a tlhalosa fa sepatela sa Sekgoma ele sone boremelelo jwa kwa banni ba kgaolo ya legare ba thusiwang teng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Serowe, Rre Atamelang Thaga o boletse fa paakanyo ya ditsela e le mo lenaneong la khansele, a tlhalosa fa ditirelo jaaka go baakanya ditsela le go kaba dikhuti mo tseleng go le bonya ka khansele e tlhaelelwa ke metshine. Rre Kedikilwe o ne a tlhalosa fa puso a sena madi, a kopa botlhe go kokobela le go fa puso sebaka go baakanya tse di senyegileng.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O ne a kgothatsa morafe go ithutuntsha thata ka kgotla-kgolo ya molao, a bolela fa go le botlhokwa gore e re ba tlhopha gore ba a e batla kgotsa ga ba e batle, ba bo ba na le lesedi la se go buiwang ka sone. O ne a boa a kgothatsa morafe go buisa melao ya lefatshe le ditsamaiso tsa lone gore tsotlhe tse ba di dirang, ba di dire ka kitso.
[/paywall]