Mapodisi a boloditse letsholo la ipabalelo tseleng

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 13 March 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Lekalana la pharakano la sepodise sa Tsabong le simolodisitse letsholo la ipabalelo tseleng ka go tsamaya le dikereke le gasa molaetsa wa go re dikereke di ipaakanye go sale nako, pele di tsaya mesepele e metelele. Mo potsolosong, mookamela mapodisi a pharakano mo kgaolong ya Kgalagadi, Superintendent Ruben Ramoleele a re ba simolotse letsholo la go gakolola diphuthego tsa dikereke ka go farologana ka bomosola jwa go ipabalela mo tseleng le go tlhomamisa gore malwapa le dithoto tsa bone di sala di sireletsegile. Supt Ramoleele a re ba itemogetse botlhokwa jwa go buisana le baeteledipele ba dikereke go baakanyetsa mesepele ka nako le go tlhomamisa gore ba tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng e bile di kgweetswa ke bakgweetsi ba ba nang le diteseletso tsa go kgweetsa setshaba go fokotsa dikotsi tsa tsela.

A re go botlhokwa go obamela matshwao le melawana ya tsela, go tlotla badirisi ba bangwe ba tsela le go pega merwalo e lekanetseng. Moruti Alice Masanako wa kereke ya Eloyi a re boeteledipele jwa dikereke bo lebogela dikgakololo tsa sepodisi. Moruti Masanako a re mapodisi ba itlamile go tshwaragana le setshaba go fokotsa dikotsi tse di gapang matshelo a batho ka malatsi a Paseka.BOPA

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • March 13, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope