Mookamela mapodisi kwa Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi o gakolotse setshaba go ikgapha mo tirong botlhwaswa ya Facebook. Se se tla morago ga gore bangwe ba bege fa mosetsana mongwe yo o sa leng a nyeletse kwa Middlepits ngogola Sedimonthole a le lesome le bosupa, a bonwe a tlhokafetse.
Supt Mmopi a re dipego tsa mofuta o, ga di a siama ka di kgobera le go gogomosa batsadi le ba masika maikutlo, bogolo jang ka ngwana wa bone a sa ntse a ise a bonwe. O kaile fa ba sepodisi kwa Middlepits ba boloditse letsholo go batla ngwana yoo, wa dingwaga tse di lesome le boferabedi mme dipego tse, di sena boammaruri.BOPA
Read Full Article on Daily News Botswana