Ba sekole se se botlana sa motse wa Mambo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa tswa go rulaganya mogwanto wa go wa ipelela tokafalo le maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa mophato wa bosupa tsa ngwaga o o fetileng ga mmogo le go ya go rola semmuso katlego eo kwa bogoging jwa motse le morafe ka kakaretso ka Labotlhano wa beke e e fitileng. Sekole sa Mambo se dikile se ntshitse botlhano mo lekgolong ya maduo a AB le 81.3 mo lekgolong ya maduo a ABC, se e le tokafalo e kgolo thata fa go tshwantshanngwa le maduo a 75 mo lekgolong a ABC a ngwaga wa 2024. Mo godimo ga moo, bodiredi jwa sekole seo bo supile fa bo ipela ka jaana ba kgonne go feta seelo sa kgaolo sa 80 mo lekgolong a ABC e bile go supa e le lantlha mo ditsong mo dingwageng tse di lesome sekolo seo se bona katlego e e kalo.
Mo mafokong a gagwe, Kgosi ya Mambo, Kgosi Obuile Mambo o ne a supa boitumelo jo bogolo tebang le maduo ao, ka moo a gwetlha barutabana, batsadi, baithuti le ba- na-le seabe botlhe go monela marulana pele go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa monongwaga. O akgoletse bodiredi jwa sekole seo tiro e ntle e ba e dirileng, a bo a supa fa a itumedisiwa ke tshwaragano ya batsadi le barutabana. Kgosi Mambo o bile a gwetlha baithuti go tlhoafalela thuto ka e le yone fela selotlolo sa matshelo a bone, a re ba tshwanetse ba itse fa e ka ba bulela dikgoro tse ba ka di dirisang go tla ba bipa letlhoko le le ka tswang le le teng mo malwapeng a bone.
A re keletso ya gagwe ke go bona sekole seo se tswelela se tsabakela go gaisa jaaka se dirile. Kgosi o tsweletse a tshepisa bodiredi jwa sekole fa a tla ba ema nokeng ka dinako tsotlhe. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole sa Mambo Rre Johnson Chuma o ne a lebogela kemonokeng le thotloetso e botsadi jwa Mambo bo e neelang sekole seo, a gatelela gore se dirile gore maduo e nne a a nametsang.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O ne a akgola Kgosi Mambo go bo a sanke a ipona tsapa go nna a etela kwa sekoleng go tla go itemogela dikgwetlho le go ema baithuti ka lefoko la kgothatso. Le ene fela jalo o ne a supa a na le tsholofelo ya gore tshwaragano ya batsadi le barutabana mmogo le go itoma molomo wa tlase ga baithuti go tlaa tswelela go ya go ileng gore sekole se tswelele se dire sentle. Bangwe ba batsadi ba ba neng ba nna le sebaka sa go akgela, ba supile fa maduo ao a ne a ba itumedisa fela thata, ba kaya fa maduo ao a dirile gore ba tsamaye ba kanotse dihuba, go na le pele mo e neng e re maduo a tswa ba bo ba inamisa ditlhogo.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.