Maiteko a banni ba Letsholathebe a a

Zimbabwe News Update

๐Ÿ‡ฟ๐Ÿ‡ผ Published: 30 March 2026
๐Ÿ“˜ Source: Daily News Botswana

Kgosi yo o sa tswang go tlhongwa wa Letsholathebe o akgoletse morafe seabe sa one mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo. Kgosi Mbiganyi Letsholathebe o ntshitse kakgolo e ka Matlhatso kwa tirong ya go mo rola mo morafeng wa gagwe. Kgosi Letsholathebe a re le fa a gorogile ka nako e e thata ya tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo, o lebogela ka fa morafe wa gagwe o tshwereng ka thata ka teng mo go thuseng lefatshe go fenya bolwetse jwa tlhako le molomo.

โ€œFa go ntse jaana go supa gore re a utlwa e bile re ya golo gongwe, mme fa re ka tswelela fela jalo, re sa emise tlhokomelo ya leruo la rona, re ka fenya bolwetse jo,โ€ o ne a tshwaela jalo, a supa fa go ikitaya ka thupana ga banni le go tshegetsa ditaelo tsa ba matlhoko a leruo go tiisa moko,. A re maiteko a banni a tlaa thusa lefatshe la Botswana go inoga mo dipharagobeng tsa bolwetse jwa tlhako le molomo ka bofefo. O ba tlhaloseditse fa kgomo e le khumo ya Motswana mme ba sa tshwanela go di tlogela di gobeya mo nageng.

A supa fa go sa tlhokomeleng leruo go ka bakela barui tatlhegelo e kgolo bogolo jang fa go lebilwe seelo sa phimolo dikeledi ya kgomo fa e bolawa fa e fitlhetswe e nale tlhako le molomo. Kgosi Letsholathebe o lebogetse morafe go bo o bopile mophato o o baakanyang terata e e laolang matlhoko a leruo, a tlhalosa fa se se tlaa thusa go laola tlhako le molomo le malwetse a mangwe a leruo. Mo go tse dingwe, Kgosi o ne a kopa morafe go tsosolosa dikomiti tsa motse.

๐Ÿ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

O ne a ithaopa go etelela pele komiti ya twantsho borokutlhi e a kaileng fa e tshwanetse ya tsosolosiwa ka bofefo le fa borukutlhi bo se kalo mo motseng oo. Fa a ama ntlha e nngwe, o ne a re motse wa Letsholathebe o rena ka tidimalo bosigo, selo se a boletseng fa se le molemo thata bogolo jang ka go sena mafelo a a sa letlelelwang a a rekisang majalwa a a itirelwang mo malwapeng. Tebang le kagisano ya banni, o ne a ba kopa go ikaga le go itlwaetsa go rarabolola tlhoka-kutlwisisanyo tsa bone ka kagiso ntle le go di isa fa pele ga bogosi.

โ€œFa o bona mongwe ka wena a sa dire sengwe sentle, mo lemotshe gore tsela e a e tsamayang ga se yone, o seka wa mo tlogela a wela ka lemena a bo o tsoga o re o mmoleletse mme o ne o sa tsaya kgato,โ€ ga rialo Kgosi Letsholathebe. E rile a ntsha molaetsa wa kgotlhatso, Mme Ludo Mosojane o ne a itsese Kgosi Letsholathebe fa baagi ba motse oo ba beile mo go ene go tla ka tebelopele e e tlaa tlhabololang motse wa bone. O tlhalositse fa Kgosi a gorogile ka nako e motse o ikgantshang ka barutegi ba le bantsi ba ba ka thusang go tokafatsa mananeo a gagwe a go fetola motse le gore ditoro le megopolo ya gagwe ka motse di diragale.

Mogolwane wa makgotla a Setswana, Rre Samuel Siphiti o ne a tlhalosa fa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa dikgang tsa go lwela bogosi. A re se, se ne sa baka gore lephata la makgotla a Setswana le dire lenaneo la go simolola ka ngwaga wa 2018 go ya kwa go 2023 la go itebaganya le matshwenyego a neelano bogosi. O tlhalositse fa maikaelelo a lenaneo le e ne e le gore lelwapa lengwe le lengwe la bogosi le dire tlhatlologano le neelano ya bogosi go itsa dikgotlhang tsa fa yo o mo setilong sa bogosi a se fologa ka mabaka ape fela.

Rre Siphiti o ne a rotloetsa Kgosi Letsholathebe go ikanya tiriso ya melao ya makgotla a Setswana le wa Bogosi Act le go ithuta mo go ba ba ntseng ba tshwere kgotla ba tsamaisa ditsheko ka a ka anywa go le go ntsi mo go bone. โ€œGo ya ka tsamaiso ya rona, dikgang tsotlhe tsa tetlanyo, di simolola mo makgotleng a Setswana ka go aga morafe e seng go ba sekisa,โ€ ga rialo Rre Siphiti.BOPA

[/paywall]

๐Ÿ“ฐ Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana โ€ข March 30, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope