Mabutswapele a tlhalosa thotse

Zimbabwe News Update

๐Ÿ‡ฟ๐Ÿ‡ผ Published: 30 March 2026
๐Ÿ“˜ Source: Daily News Botswana

Thulaganyo ya go ja thotse e ne e rotloetsa boikgapho le maitsholo a mantle mo lenyalong, mme malwapa a ne a aparetswe ke ledula ka ntlha ya yone. Ene yare ka Mosupologo, babega dikgang ba BOPA ba tsaya loeto go ya kwa Molapowabojang kwa ba fitlhetseng matlhogotshweu a ba emetse go arogana le bone dikitso dingwe tsa setso. Ya re go goroga, Kgosi Kedirile Letshabo a bo a phuthile mabutswapele aa amuleng kitso ka molemo wa setso o o bidiwang thotse.

Thotse ke pinagare ya tsamaiso e e botlhokwa ya ngwao, e maikaelelo a yone e leng go dibela lenyalo ka go tswalela ntle metsenelela epe e e ka eletsang go tlhagela ka fa teng ga lelwapa. Rre Rex Masegwana o ne a tlhalosa fa bogologolo e ne e re fa moeka a le kwa a leng teng, a batle molemo wa thotse, e re fela fa a lebile lelwapa a o goge mme a simologelwe ke go ethimola. E re ntswa ba ba kwa lwapeng, e bong mosadi le bana ba sa goga molemo oo, ba tlaa bo le bone ba simologelwa ke go ethimola.

Se, se ne se lemogwa e le sesupo sa fa tsotlhe di apere tshiamo mo lwapeng. Go ya ka Rre Masegwana, go fapoga ga mongwe wa banyalani ba ba tshwaragantsweng ka thotse go ne go nale ditlamorago tse di maswe, di akaretsa go baka bolwetse le lone leso tota fa yo o amegileng a ka seke a bone thuso e e maleba. A re ditlamorago tse di ne di ka ama botlhe mo lwapeng go akarediwa le bana.

๐Ÿ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Go re thotse e anamela jang kwa baneng ke masaitsiweng, mme Rre Masegwana a re fela fa mongwe wa banyalani a ka iphitlha, e nna gone jaaka bolwetse bo tsene ka lelwapa, mme a bolela fa bo ne bo itshupa ka dikai tse di tshwanang le tsa mhikela. Go ya ka Mme Boitumelo Ntoko, go loma kana go ja thotse, mo e leng ngwao ya merafe e akaretsa Bakwena le Bangwaketse, e ne e le thulaganyo e e faphegileng ya go tsenya banyalani mo lwapeng la bone le lesha morago ga go nyalana. A re ka thulaganyo e, ngwetsi e ne e gorosediwa kwa ga matsale, kwa e tlaa reng morago ga wa rre a sena go agela mosadi wa gagwe, bobedi jo, bo ye go tsenngwa kwa lwapeng la bone ke ngaka a dirisa thotse.

Mme Ntoko o tlhalosa gore fa go dirilwe jaana, mosadi o ne a sa tshwanela gore e re le fa e le ka tsatsi lepe, a tsenye monna ope mo lwapeng ka go dira jalo, go ne go ka baka ditlamorago tse di botlhoko. A re go ja thotse e ne le sekai sa tebelopele e bagolo ba maloba ba neng ba nale yone tebang le gore go ka dirwa jang gore manyalo a itshetlele. A re thulaganyo e, e ne e rotloetsa boikgapho le maitsholo a mantle mo lenyalong, mme malwapa a ne a aparetswe ke ledula ka ntlha ya yone.

Kgosana, Rre Odirile Pema ene a re ka ngwao ya Sengwaketse, thotse e ne e dirisiwa go thaya lelwapa le lesha la banyalani, a tlhalosa fa wa rre a ne a sa tshwanela go aga pele a gorosa, ka jaana bobedi jo bo ne bo tshwanela go tsena mo lwapeng le lesha mmogo ka thulaganyo ya tiriso ya thotse. โ€œE a bolaya, ga e ome,โ€ go tlhagisa Rre Pema, a gatelela kgang ya borai jwa go sa obamela melawana ya thotse. A re ditlamorago tsa go tlola molawana wa go ikgapha di ila rre, mme le ngwana. A re fa rre kana mme yo o fetileng ka thulaganyo e a ka tsietsa, o kgona go kubugelwa ke tlhogo e e ka kgaupetsang botshelo jwa gagwe

[/paywall]

๐Ÿ“ฐ Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana โ€ข March 30, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope