Kgosi Ishmael Legwaila o kopile bomme go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bana. Kgosi Legwaila o buile se kwa pitsong ya bomme ka Laboraro kwa kgotleng ya Botshabelo, maikaelelo magolo e le go amogana maele, go thusana go tswa ka metlhale ya go lwantsha kgokgontsho. O tlhalositse fa dikgosi le baeteledipele ba bangwe ba tshwenyegile thata ka tlolo molao le botlhoka tsebe mo kgaolwaneng ya Botshabelo, mme a tlhalosa fa boikarabelo bo le mo batsading.
O kaile fa bontsi jwa batsadi bo bipa mpa ka mabele fa go tla mo dikgannyeng tsa go tlhoka tsebe ga bana ba bone. Kgosi Legwaila o supile fa kgaolwana ya Botshabelo e le nngwe ya tse di hupeditsweng ke botlhoka tsebe jo bo dirwang ke batho ba le mo maibing a nnotagi le diritibatsi. A re le fa ba sepodisi le magosi ba leka go kgalema le go otlhaya ba dira melato, seemo se tsweletse ka go bifela pele.
Ka jalo a re tsholofelo ke gore morago ga bokopano jo, go nne le pharologanyo mabapi le dikgang tse di tlhorang boroko. O rotloeditse bomme go tsaya nako ba nna fatshe le bana, ba ba lemotsha bo diphatsa ja go tsena mo maratong ba santse ba le bannye. Kgosi Legwaila a re go botlhokwa go ruta bana go tila go inaakanya le mekgwa e ka dirang gore ba wele mo boraing jwa go kgokgontshiwa.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Detective Sub Inspector Portia Botsang go tswa mo ofising ya sepodisi ya Botshabelo o tlhomamisitse fa go le boammaaruri ditiro tsa botlhoka tsebe di le dintsi kwa Botshabelo. Ka jalo, a re o rotloetsa bomme go rata bana, go nna ditsala le bone gore ba kgone go phuthologa fa ba sa itumela. O tlhalositse fa motheo wa kwa lwapeng e le o ne o bopang ngwana gore e nne motho yoo nang le boikarabelo mo setshabeng. Mme Botsana o rotloeditse bomme go phuthologa go bua ka dikgang tsa marato le bana ba bone ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.