Khansele e atla tshutiso ya go emisa metsoko

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 11 December 2025
📘 Source: Daily News Botswana

Khansele ya Lobatse e amogetse tshutiso ya gore go emisiwe tiriso ya metsokwe ya segompieno e e gogwang segolo thata ke basha ya Hubbly Bubbly le Vape go sireletsa botsogo jwa setshaba seemo se ise se tsee phekelo e sele. Tshutiso e, e rotswe bosheng kwa khanseleng ya Lobatse ke Mokhanselara wa Peleng Rre Bafo Monakwe yo a neng a kopa gore maphata a papadi le tlhabololo kgwebo le la botsogo a tshwanetse a sekaseka go dira melao go emisa tiriso ya metsoko ya Hubbly Bubbly le wa Vape e e dirisiwang go itlosa bodutu. “Bontsi jwa banana ba berekisa metsokwe e ka ditsela tse di gakgamatsang se se dirang gore fa re ka leseletsa tiriso e go tswelela re ya go iphitlhela re na le mathata a malwetsi a pelo le a mafatlha mme se se bo se tsisa kgatelelo kwa dikokelong,” a tlhalosa.

A re go tshwanetse ga tsenngwa mo molaong gore metsoko eo, e seka ya dirisiwa ka e na le botlhole jo bo borai mo botsogong mme e bile motho o kgona go tshwakgoga go e goga mme e felele e mmabalela ka go baka malwetsi. O tlhalositse jalo gore jaaka fa nako ya Keresemose e goroga jaana, go tsile go tlala mo mafelong a itloso bodutu go gogwa metsoko eo. Rre Monakwe o ne a gakolola gore puso e tshwere phage ka mangana go tokafatsa seemo sa botsogo ka jalo metsokwe eo fa tiriso ya yone e ka tswelela baka gore ba botsogo ba iphitlhele ba lwantsha malwetse a a bakiwang ke metsokwe eo.

Mokhanselara Moalosi Rasesia wa Tsopeng South a re metsokwe ya Vape le wa Hubbly Bubbly e a farologana, a tlhalosa gore fa go gogwa Hubbly go dirisiwa tagi ya nicotine e tshubiwa ka charcoal go bo go gogiwa ke batho ba le bantsi. A supa jalo gore fa go sena go tshubiwa lenko leo le feta mo metsing a a dirisiwang go tlhotlha bogalaka kana go fokotsa bogale mme go bo go gogiwa kwa phaepheng. A re motsoko oo, o ntsha mosi wa Carbon Monoxide go tswa mo go tshubiweng ga charcoal le nicotine a supa jalo gore metsi one a tsentswe dinkgisa monate tse go sa itseweng gore ke eng e bile a na le botlhole jo bo ntseng jang mme dilo tse tsotlhe di kopanela mo mafatlheng a motho.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Mokhanselara Rasesia o supile fa dipatlisiso di supa gore pharologanyo ya Hubbly Bubbly le motsoko o o tlwaelesegileng ke gore motho o kgona go peipa go fetisa jaaka gale mme motho o kgona go babalelwa thata mo mafatlheng go fetisa motsokwe o o tlwaelesegileng. A re e gogiwa ka go faapanelwa, ka jalo e dira gore malwetse aa tshelenwang a ka anama. Fa a bua ka Vape, a re e na le nicotine mme e bile o dirisa maranyane a motlakase.

A tlhalosa jalo gore metsoko e yotlhe e borai ka gore ke tsela nngwe e barekisi ba gogelang banana ka ba dumela gore ke tlhabologo. Mokhanselara wa Boswelatlou Rre Omar Raphael ene o ne a farologana le ba bangwe, a tlhalosa gore molao o supa gore mongwe le mongwe o gololesegile go ikgethela se a se batlang go se dirisa go itosa bodutu.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • December 11, 2025

Powered by
AllZimNews

By Hope