Banni ba Mookane ba lekodisitswe ka kakanyetso ya go tlhomiwa ga kgotlacya molao-motheo. Ba lekodisitswe jalo ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane, yo o neng a ba tlhalosetsa maikaelelo le ditiro tsa kgotla ya ditsheko ya molao motheo e e akanyediwang go tlhomiwa. Rre Moswaane o tlhalositse gore kgotla ya molao-motheo ke kgotla ya ditsheko e e faphegileng e bile e le yone e e kwa godimo thata, e e nang le maikarabelo a go toloka molao motheo.
A re maikaelelo a yone ke go sireletsa ditshwanelo tsa batho, go balelwa le go rarabolola dikgotlhang tsotlhe tse di amanang le molao-motheo. Rre Moswaane o gateletse gore kgotla tshekelo e e tlaa nna botlhokwa thata mo go nonotsheng puso le go netefatsa gore ditshwanelo tsa batho di a tlotliwa le go sirelediwa, go sa kgathalesege letso, morafe kgotsa mmala wa motho. Le fa banni ba supile kgatlhego mo go tlhomiweng ga kgotla tshekelo e e kgethegileng e, ba ile ba supa matshwenyego ka mathata a a ba amang e le setshaba letsatsi le letsatsi.
Ba boletse gore puso e tshwanetse go tsibogela go rarabolola mathata ao, jaaka tlhaelo ya melemo mo dipateleng, go aga le go baakanya ditsela, go tlhokomela dikolo, gammogo le ditlhabologo tse dingwe. Fa a ba araba, Mothusa Tona rre Moswaane o ne a tlhomamisetsa banni gore go tlhomiwa ga Kgotla tshekelo ya Molao motheo ga go kitla go kgoreletsa mananeo a ditlhabololo tsa maphata a mangwe a puso ka gore lephata lengwe le lengwe le dira kabo-tekanyetso ya madi ya lone. Fa a bua ka tlhaelo ya melemo, Rre Moswaane o tlhalositse gore bothata ga bo bakwe ke go tlhoka madi, mme bo bakwa ke dikgwetlho tse di amanang le theko le dithendara.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Rre Moswaane o boletse gore mo kabo-tekanyetsong ya madi a setshaba e e sa tswang go fetisiwa, Lephata la Botsogo le abetswe madi a go reka melemo e mentsi. A re Lephata la Tlhokomelo ya Bana le Thuto ko moding le lone le abetswe madi a a magolwane a go tlhokomela le go baakanya dikolo.BOKHUTLO
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.