Kgosi Kgari Sechele III o kopile morafe wa Bakwena go aga sesha leobo la kgotla-kgolo ya Molepolole le le neng la lora morago ga go thosediwa ka molelo ka ngwaga wa 2023. Kgosi Kgari o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi mo Molepolole jaaka a ne a biditse morafe go ba begela ka tshimolodiso ya lenaneo la Mosalagae, le maikaelelo a lone e leng go aga leobo leo sesha. A re leobo ke karolo e botlhokwa ya ngwao ya Setswana mme ebile le sireletsa morafe fa o le mo diphuthegong tsa kgotla ka nako ya fa loapi le sa iketla jaaka mo dipuleng le serame.
Kgosi Kgari a re nako e gorogile ya gore Bakwena ba ithulaganye mme ba baakanye leobo la kgotla ya bone. A re sebe sa phiri ke gore puso ga e age maobo a kgotla, ka jalo tiro eo, ke boikarabelo jwa morafe. A re komiti ya Mosalagae e e eteletsweng pele ke Rre Steven Mogotsi e setse e segile tema ya se ba eletsang go se fitlhelela.
A re komiti eo e dirilwe ke Bakwena ba e rileng ba utlwa mokgosi wa go aga leobo ba e intsha setlhabelo gore ba dire tsotlhe tse di kgonagalang go dira moalo wa leobo le go kokoanya madi a go le aga. O ne a supa fa kago ya leobo leo e se tiro e e motlhofo, ka jalo e batla gore Mokwena mongwe le mongwe a nne le seabe mo go thuseng mo kagong ya lone. Kgosi Kgari a re komiti ya Mosalagae e setse e ikgaogantse ka ditiro mme ba setse ba tswa go tsaya malebela mo go ba ba setseng ba dirile tiro ya mofuta o.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re ba setse ba supile dikakanyo tsa gore ba eletsa leobo le nna jang mme ga se tiro e ba ka e diriang ba le nosi ka gore ba tlhokana le dikaknyo le megopolo ya morafe. “Fa e le gore go tlhokana le madi a a duelang ditena, samente kana moagi, komiti e tla ikgolaganya le morafe, mme o bone gore o dira jang madi go duelwa tse di tlhokwang”. Kgosi Kgari a re ga a dumele go na le ope yo o sa lemogeng botlhokwa le bomolemo jwa go nna le leobo ka jaana e le gone kwa morafe o kopanelang teng fa o na le dikgang.
“Re ipua teng re bo re ikaga mme ebile le baeteledipele ba sepolotiki ke gone fa ba kopanang le morafe teng. Modulasetilo wa komiti ya Mosalagae, Rre Mogotsi a re ba simolotse tiro ya bone ka kgwedi ya Mopitlo. Are komiti e dirilwe ka maloko a le masome a mabedi, a re ba ne ba ikokoanya jalo go tsibogela kopo ya ga Kgosi Kgari ya gore morafe wa Bakwena o eme ka dinao go aga leobo
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.