Kanye o aperwe ke tlhaelo

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 05 March 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Kgosi Kgabosebele Kgatlane wa kgotla ya Kebuang mo Kanye o supile matshwenyego ka letlhoko la mafelo a mabitla mo Kanye. O boletse fa mabitla mo Kanye a retelelwa ke go emelana le seemo sa dintsho tse di nnang mo nakong eno ka a tletse thata. Kgosi Kgatlane o tlhalositse matshwenyego a gagwe mo phuthegong ya Kgotla e e neng e buisiswa ke modulasetilo wa khansele ya Kanye Rre Morapedi Kgosithebe kwa Ga-Kebuang bosheng.

O tlhalositse fa go tswalwa ga mabitla a Gokoojang go bakilwe ke go bo ntlheng nngwe ya mabitla go supagetse fa go na le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. Mo godimo ga seo Kgosi Kgatlane a re mabitla ao a ne asa fiwe tlhokomelo nako tsotlhe. Le fa go ntse jalo Kgosi o supile fa banni bangwe ba kaya fa go na le sephatlo sa lefatshe sengwe se se bonalang ntlheng ya Bophirima mabapi le tsela ya Mmathethe.

A re gongwe ka bolesego, lefatshe leo le ka kgona go amogela dipalo tsa baswi ka bontsi fa ditsamaiso tse di maleba di ka kgona go amogelesega ga mmogo le go diragadiwa. Mo go tse dingwe Kgosi o kgadile boitshwaro jwa banana bangwe mo kgaolong ka bophara go akaretsa le motse wa Kanye. A re maitshwaro a, a akaretsa go thubjwa ga matlo ga mmogo le go kgokgontsha bagolo mme e bile mo diemong tse di ngomolang pelo, go nne le dipetelelo mo bagolong.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Fa a tsibogela matshwenyego a bone ka letlhoko la mafelo a mabitla, ,Mokwaledi wa khansele ya Kanye Rre Joseph Banyatsang o supile fa mo nakong ya gompieno khansele e tlhaelelwa ke lephata le le itebagantseng le go tlhokomela mafelo a mabitla. A re le fa go na le seemo sa madi, maiteko a tsweletse go tlhoma le go lebaleba bodiredi jwa go nna jalo. Go ntse go le foo, Modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Kanye Rre Kgosithebe Morapedi o ne a tlatsa ka gore khansele ya Kanye e ikaelela go simolodisa lenaneo le khansele e tsayang boikarabelo jwa go epa mabitla go netefatsa tsamaiso e e lolameng ya lefatshe.

Modula setilo o ne a supa botlhokwa jwa go sekaseka mafelo a a tlhophilweng go ka a baya mabitla a morafe. A re mo nakong e e fetileng mafelo a go nna jalo go lemogilwe morago ga nako gore a na le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe kgotsa phate ya leje le ikadile a tlatsa ka go fa sekai ka mabitla mangwe a a tswetsweng ka ntlha ya go tlhoka go ela tlhoko ditshekatsheko tsa lefatshe.

[/paywall]

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ March 05, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope