Itireleng JSS E Tokafatsa Maduo

Zimbabwe News Update

๐Ÿ‡ฟ๐Ÿ‡ผ Published: 10 February 2026
๐Ÿ“˜ Source: Daily News Botswana

Sekole se segolwane sa Itireleng kwa Lobatse se akgoletswe go itlhoma kwa pele kwa toropong ya Lobatse le mo kgaolong ya borwa mo maduong a a golotsweng bosheng a lokwalo la boraro. Mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa Lobatse, Rre Barutwa Khwae a re sekole se se gapile maemo a ntlha mo kgaolong, se longwa serota ke sa Pitikwe se le sone se leng kwa Lobatse. Rre Khwae a re go a itumedisa go bo dikolo tse di tsereng maemo a ntlha le a bobedi mo kgaolong di tswa kwa toropong ya Lobatse, a supa fa kgaolo ya borwa e akaretsa Lobatse le kgaolo ya Good Hope go ya go fitlha kwa Khakhea.

A re go bo baithuti ba le bararo ba sekole sa Itireleng ba pasitse ditlhatlhobo ka letshwao la MERIT go tlotlomaditse sekole sa Itireleng le go feta. Mo go tse dingwe, Rre Khwae a re maduo a ne a ka tokafala fa go ne go sena dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo a a fekeediwang ke dipalo tsa baithuti, ga mmogo le tlhaelo ya barutabana le bodiredi jo bongwe. Go sale foo, o boletse fa kemo-nokeng ya batsadi e le botlhokwa thata mo dithutong tsa bana, mme o ne a akgola batsadi ba ba sa iponeng tsapa go tsenya letsogo mo tirong ya bana ya sekolo.BOPA

๐Ÿ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

๐Ÿ“ฐ Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana โ€ข February 10, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope