Mopalamente wa Tati West, Rre Justine Hunyepa o boloditse letsholo go tlhodumela seemo sa dikole mo kgaolong ya gagwe. Maikaelelo a letsholo leo ke go utlwa ka dikgwetlho tse di aparetseng dikole, ga mmogo le lekola bodiredi le baithuti ba dikole tse dipotlana tsa Ramokgwebana le Jackals No 1. Rre Hunyepa yo gape e leng mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding le tlamelo ya bana, o akgoletse barutabana le dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTAs) go supa boikarabelo mo thutong le boitekanelo jwa baithuti.
A re tirisanyo mmogo ke konokono mo go tlhabololelng thuto le gone go ntsha maduo a a itumedisang. Rre Hunyepa o ne a ba kopa go tswelela ba tshwere ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho a tlatsa ka gore ba seka ba kgobiwa marapo ke sepe ka jaana thuto e le bokamoso jwa bana. O boletse fa lephata le itse ka dikgwetlho tse di ba emeng pele e bile le dira ka natla go batla ditharabololo.
O file sekai ka tlhaelo ya boroko a re ke maikaelelo a lephata go netefatsa gore bodiredi bo direla mo tikologong e e nametsang gore ba tie moko. Rre Hunyepa a re ba tshwanetse ba tlhaloganya fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile thata ka diteemane tse mo nakong eno, theko ya tsone e santseng e le boutsana. O tsweletse a tlhalosa fa tshenyetso setshaba ga mmogo le tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo le tsone di nnile le seabe mo kwelo tlaseng ya itsholelo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mopalamente o file sekai sa gore fa dikole di ka dira ditshingwana tsa merogo, go ka go jesa bana mme seo se fokoletse puso morwalo wa go reka sengwe le sengwe. Le fa gontse jalo, Rre Hunyepa o ba gwetlhile go dirisa ofisi ya gagwe a tlatsa ka gore ba seka ba lapa dipelo go mo lekodisa ka matshwenyego a bone. Fa ba tswa la bone, bodiredi bo ne jwa lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a bone le ka fa ba tsweletseng ka teng mo dithutong tsa bone.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.