Itireleng JSS E Tokafatsa Maduo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 10 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Go botlhokwa go tsibogela go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo go itsa gore bo kokonele itsholelo ya malwapa le ya lefatshe phetelela. Mothusa Tautona Rre Ndaba Gaolathe o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Jackalas NO.1 ka Labotlhano. Rre Gaolathe a re tlhako le molomo ke segajaja se se tlhokang go potlakelwa, a re ntle le go dira jalo, bolwetse joo bo ka busetsa kwa morago maiteko a lefatshe la Botswana a go godisa mhama wa thuo ya kgomo.

“Kgomo mo go lona ga se itsholelo fela, ke botshelo jwa lona, ke yone e supang boleng jwa monna le mosadi yo o e ruileng,” ga rialo Rre Gaolathe a gatelela botlhokwa jwa kgomo mo botshelong jwa Motswana. A re go ipoa seboaboane ga tlhako le molomo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba mo kgaolwaneng ya taolo matlhoko a leruo ya 6b go a tshwenya ka go setse go diragetse ka dingwaga tsa 2002, 2003, 2010 le 2022. Le fa go le jalo, o tlhalositse fa go nametsa go bona barui ba dikgomo ba ba tsamaileng mosepele o o botlhoko mo go kalo ba santse ba tshwere ka thata mo thuong ka tumelo ya gore ba tlaa kgona.

Fa a phophotha legetla barui bao, Rre Gaolathe o boletse fa ntwa kgatlhanong le tlhako le molomo e tlhoka tshwaragano ya botlhe, a supa fa puso e ka seke e e kgone e le esi. Sebueledi sa lekgotla la barua-kgomo la Botswana National Beef Producers Union (BNBPU) Rre Andrew Seeletso a re e rile ba utlwalela tlhagogo ya bolwetse jo, ba kopa ba Botswana Ash go ba thusa ka ditone di le 60 tsa bopi ja letswai. Rre Seeletso o tlhalositse fa letswai leo le ya go gasiwa lefatshe ka bophara go leka go laola le go bolaya mogare wa tlhako le molomo mo mmung le mo leruong.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Morui Rre Gideon Mpinyane o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano le tirisanyo mmogo, a re ke tsone di ka ba thusang go fenya mmaba yo o ba tlhasetseng. Rre Lawrence Mpotu ene o ne a supa fa dikgomo tsa Jackalas NO.2 le Matshelagabedi di hula mo mahudisong a le mangwe mme tsa kwa Matshelagabedi di sa tipiwa kana go kentiwa. A re se se ka busetsa morago maiteko a a tsweletseng a go laola bolwetse. Rre Mpotu o kopile gore dipolase tse di rekilweng ke puso mo Tati Company di kgaoganngwe ka dikgomo tse di iseng di tsenwe ke bolwetse le tse di kileng tsa tlhaselwa.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 10, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope