Makhanselara a kgaolo ya Tutume a dumalane ka bongwefela jwa pelo go re Nata/Gweta a tsholediwe go nna kgaolo. Ba supile seo mo bokopanong jwa phuthego e e faphegileng ya khansele e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Tutume,Rre Tabona Masole a patlilwe ke mopalamente wa Nata/Gweta, Rre Lawrence Ookeditse kwa Tutume ka Labobedi. Ba re seo, se tla atumetsa ditirelo kwa bathong ka ba ntse ba latela ditirelo kwa Tutume, kwa ba kaileng go le kgakala thata.
Mokhanselara wa Nata Botlhaba, Rre Thuso Tumalano o atlile mogopolo oo, a supa fa ba sale ba o emetse go tswa bogologolo. Rre Tumalano a re seo, se tlaa dira gore batho ba kgaolo eo ba bone ditlamelo gautshwane le go thuswa ka bonako. A re go latela ditlamelo kwa Tutume go a ba turela e bile bangwe ba felela ba sa thusege sentle.
Mokhanselara wa Sebina, Rre Mogomotsi Lemogang le ene o ne a dumalana le gore Nata/Gweta e nne kgaolo,a bolela fa seo se tlaa dira gore banni ba kgaolo eo ba akole ditlamelo ba sa sokole. Mokhanselara wa Mosetse, Rre Ntshima Jimane o ne a kopa gore morago ga go tsholediwa ga Nata go nna kgaolo, go sekasekwe motse wa Mosetse gore a o ka seke o nne boremelelo jwa ditirelo (service centre). A re seo se tlaa dira gore metse ya Kutamogoree, Lepashe le Dukwi e kgone go thusiwa gautshwane le yone.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Rre Jimane a re kgaolo ya Nata/Gweta e lebanwe ke go tlhongwa mafelo a boremelelo jwa ditirelo a le mabedi, le lengwe le le kwa Gweta ka metse eo e katologane e bile e le bophara. Makhanselara ba ne gape ba amogela gore go agiwe borogo kwa Sepako go namola banni bao mo seemong se ba kopanang le sone ngwaga le ngwaga go thusiwa go kgabaganya fa noka e tshela. E ne e rile go le pele fa a lekodisa makhanselara, modulasetilo Rre Masole o ne a bolela fa khansele e latlhegelwa ke madi a mantsi a a dirisiwang go hira mekoro le badirisi ba yone go tlodisa batho ba motse oo noka ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa noka eo, e kgaogantse motse ka bogare, mme ditlamelo tsotlhe di tshwana le kokelwana, kgotla le sekole se sebotlana di le ntlha e nngwe ya motse oo.
[/paywall]