Ditswa- Thobong Di Abelwa Batlhoki Le Mekgatlho

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 23 February 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o lebogetse morafe wa Bakhurutshe go abela batlhoki bontlha bongwe jwa thobo e ba neng ba e phuthile ngogola. Fa a bua kwa phuthegong ya go aba di-tswa-thobong kwa Tonota ka Labotlhano, Kgosi Radipitse a re tshwaragano ya morafe mo go kgobokanyeng thobo go supa maikaelelo a go lwantsha tlala ga mmogo le lehuma go thusa ba ba dikobo dikhutshwane le batlhoki ka go farologana. O ne a iteela morafe legofi a tlhalosa fa sejo sennye se sa fete molomo, ka jaana go aba ditswa thobong tse di akaretsang mabele le mmidi di tlaa sologela ba ba abetsweng mosola.

Kgosi Radipitse o ne a kaya fa morafe o o bopaganeng e bile o kgona go lemoga letlhoko la ba bangwe o supa kgatelo pele le mowa wa bo-ja-mmogo. β€œLe morafe yo o nang le bokgoni, morafe o ikemelang e bile o kgona go ijesa. Morafe o o kutlwebotlhoko.

Se se supa fa le le morafe o o nang le thata, nonofo, le bokgoni,” Kgosi Radipitse a tlhalosa. Kgosi Radipitse o ne a rotloetsa morafe go tswelela ka go tlhokomela tema e ba e lemileng gore e tle e re mo nakong e e tlang ba tlisa thobo, go kgona gore ba tsweledise mowa wa bo-jo-mmogo le kutlwelo botlhoko. E rile fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la borre ba Bakhurutshe, Rre Botho Ntirang, a bolela fa di-tswa-thobong tse di sale di simolotse go abiwa go lebeletswe letlhoko, a tlatsa ka gore sekolo sa Shashe River se abetswe dikgetsana tsa mabele di le lesome tsa 10kg le di le lesome tsa setampa tsa 5kg, mme fa kokelwana ya Masedi e filwe dikgetsana di le lesome le botlhano tsa 10kg ya boupi jwa mabele.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

O ne a tlhalosa gape fa borre ba ba ileng go lwantsha bolwetse jwa Tlhako le Molomo ka go tsosa terata ba ne ba abelwa dikgetsana di le masome a ferabongwe le bongwe tsa 5kg ya setampa. Rre Ntirang o ne a tswelela a kaya fa dikgetsana di le masome a ferabongwe le borataro (96) tsa mabele le di le masome a ferabongwe le borataro (96) tsa setampa, di tla a abelwa mekgatlho. O ne a tlhalosa fa ba berekile le ba Phofu Milling ka go sila le go paka thobo ga mmogo le kompone ya Mills e e ntshitseng madi a a kanang ka dikete di le boferabobedi (P8,000) gore thobo e isiwe kwa tshilong.

Rre Ntirang o ne a lebogela Komiti ya Thobo ya ngwaga o o fetileng ka tiro ya go kgobokanya thobo, mme a rotloetsa morafe gore ngwaga ono ba tswelele gape ka temo ka jaana e le mosola thata. Fa a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa mekgatlho e e abetsweng, Mme Khabe Olaotse, a re tiro e e dirilwe go lebilwe mabaka a seemo sa botshelo jwa batho jo bo sa lekaneng. A re e ne e rile ngogola kgosi a ntsha letsema, a ba kopa morafe go ya go dira dijo mme ba tsise boremo jwa mogoma kwa kgotleng, gore e tle ere ka moso go abelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka bagodi, ba-na-le bogole, kana batlhoki ka go farologana.BOPA

[/paywall]

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ February 23, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope