Tona wa lephata la dipalamo le dikago, Rre Noah Salakae a re maikaelelo a puso ke go tlhabolola le go aga ditsela tse disha mo lefatsheng leno mme sebe sa phiri ke itsholelo e mo nakong eno e santseng e reketla. Tona Salakae o buile se mo phuthegong ya kgotla mo Tsabong ka Mosupologo jaaka a ne a rerisana le morafe ka ditsela tsa kgaolo ya Kgalagadi borwa tse di akareditsweng mo lenaneong la National Development Plan 12 (NDP12). O tlhalositse fa lephata la gagwe le neetswe boikarabelo jwa go tlhokomela le go tlhabolola ditsela tse di golaganyang metse mme tse di fa gare ga motse tsone e le boikarabelo jwa dikhansele.
O boletse fa ditsela tsa Kokotsha- Tsabong –Mc Cathys Rust, Khuis- Gakhibana –Khawa, Bokspits –Transfrontier Park, Tsabong- Hukuntsi- Lokgwabe-Mabuasehube Gate Road, Mmathethe- Bray – Werda di akareditswe mo lenaneong la ditlhabololo la NDP12 fa tsela ya Khuis –Khawa yone e sa akarediwa ka ntlha ya itsholelo e e kwa tlase. Tona a re tsela ya Omaweneno – Tsabong ya boleele jwa 37Km e e neng e abetswe madi a a fetang P25 Million go tlhabololwa, e le mo seemong sa 83 per cent mme e ne e tshwanetse go wediwa ka kgwedi ya Motsheganong 2025. O boletse fa e ne ya salela kwa morago ka ntlha ya boitseme jwa Rakonteraka le tse dingwe.
Tona Salakae a re maitemogelo a bone mo lephateng ke gore go na le bo Rakontereka bangwe ba ba ikgagapelelang madi fa ba thapilwe ke puso mme ditumalano e le gore ba duele babereki seelo sa P4,000 ka seo se ka thusa go tokafatsa matshelo a bone. Tona o ne gape a rerisana le go utlwa maikutlo a morafe mabapi le molao wa Roads Traffic Act 1972 a tlhalosa fa o setse o fetilwe ke nako mme o tshwanelwa ke go shafadiwa go itepatepanya le seemo sa nako eno ka dikotsi tsa tsela le tsone di setse di tsere phekelo e sele. O boletse fa go shafadiwa ga molao oo go tlaa thusa go aga bakgweetsi go tsaya boikarabelo jo bo eletsegang, go thibela go baka dikotsi le dintsho ka di felela di ama itsholelo mo lefatsheng leno.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re kakanyetso ya go shafadiwa ga molao oo, e akaretsa wa go dira teseletso ya go kgweetsa go tsaya sebaka sa ngwaga tse pedi go na le pele jaaka baikopedi ba ne ba neelwa sebaka sa kgwedi tse thataro go pasa matshwao, dipale le tlhatlhobo ya tsela. O boletse fa gape molao kakanyetso o mongwe e le wa go oketsa dikatlholo tsa botlhe ba ba kgweetsang ba sena diteseletso go tswa kwa go P1,000 go ya ko go P2,000. Tona Salakae o ne a supa fa tlolo molawana o, e rotloediwa ke batsadi bangwe ba ba tlhokang boikarabelo ka ba neela bana dikoloi ba sena ditlankana tsa go kgweetsa mme ba felele ba baka dikotsi tse mo gongwe di felelang di baka dintsho,.Ka jalo tona o ne a gakolola batsadi go emisa go dira jalo.
Mo go tse dingwe, a re tshimolodiso ya kgotla kgolo ya molao motheo e botlhokwa go thusa mo dikgannyeng tsa ditshwanelo tsa setho le tse dingwe. Rre Salakae o supile fa puso e dira ka gotlhe go tsibogela seemo sa tlhaelo ya melemo mo lephateng la botsogo. O ne a gape a gakolola batsadi go kgalemela bana ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School le go tsaya boikarabelo mo dithutong tsa bone go itsa go inaakanya le ditiro tsa bo-tlhoka tsebe ka lore lo ojwa lo sa le metsi.
Fa ba mo kgwa dikgaba banni ba ne ba lebogela molao kakanyetso wa tlhabolola Traffic ACT 1972 mme bangwe ba ne ba le sebete se molangwana ka ditlhwatlhwa tsa dikatlholo tse di oketsegileng. Go sa le foo, tona o ne a ba gakolola go ikgapha go dira melato ya tsela go di tila.
[/paywall]