Seemo sa sekole sa Ngambao

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 16 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Le fa dikereke di farologana ka tsamaiso, di tshwanetse go bereka le go dirisana mmogo. Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa kgaolong ya Serowe, Moruti Karabo Koosimile, o rotloeditse se kwa thuto-puisanong ya malatsi a mabedi e e neng e rulaganyeditswe baruti ba direke tse di farologaneng kwa kgaolong ya Serowe. Moruti Koosimile o boletse fa dikereke dingwe di itseela kwa godimo ka go nyenyefatsa tsamaiso ya tse dingwe le mororo botlhe e le barapedi ba Modimo.

A re dikereke di tshwanetse tsa dirisana mo medirong le mo dintshong, e seng go ikgagapelela. “Pesalema ya bo 133, e tlhalosa fa go le monate fa bana ba motho ba nna mmogo ba dirisana ka kagiso. Ka jalo dikerere dingwe di seka tsa re di botoka mo go tse dingwe, “ Moruti Koosimile a supa.

O rotloeditse dikereke go rera lefoko la Modimo ka botswapelo, go ruta bana ba ba santseng ba fatlhoga gore lefoko la Modimo le botlhokwa. Moruti Koosimile o kgothaditse baruti go nna sekao mo setshabeng ka go apara le go itsaya sentle ka gore go dira jalo go ba supa se ba leng so ne. Mothusa molaodi wa kgaolo ya Serowe, Rre Monthusi Makocha, o boletse fa lekgotla la baruti le tlhomilwe semmuso ke puso ya Botswana ka nako e segajaja sa bolwetse jwa HIV/AIDS se neng se apesitse lefatshe kobo ka letshoba.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re puso e ne ya lemoga bomosola jwa baruti le dikereke mme ya ikopanya le bone go lwantsha seemo sa nako eo. O kaile fa puso e lemoga fa kereke e aga le go gomotsa setshaba. A re le mo bogompienong, dikereke di tsweletse ka go rapelela malwetse. Rre Makocha o boletse fa baruti ba lemogiwa ka nako tsa leuba le dikotsi tsa tsela mme ba bidiwe go di rapelela.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 16, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope