A re dipego di supa fa 67 per cent ya bomme mo Botswana ba kgokgontshiwa, palo e e kwa godimo go na le ya lefatshe ka bophara ya 27 per cent. A re pitso e, e botlhokwa go sekaseka modi wa mathata, a supa fa bontsi jwa dipolao di dibakiwa ke kgokgontsho le tiriso phetelela ya dinotagi mme a kopa borre go bua fa ba imetswe ke mathata. Rre Nyatanga a re bontsi jwa nako borre ga ba bue fa ba na le mathata a malwapa kana ba tlhokile kutlwisisano le bakapelo ba bone.
A re dikgolegelo bontsi ke borre mme a ba kopa go ipaakanya ka kgolegelo e se bonno. Rre Nyatanga a re borre fa ba felelwa ke madi bomme ba a ba fetogela mme se se bake kgokgontsho e ka bakang polao. A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ka gore fa yo mongwe a tlhokafa, batsadi ba gagwe ba itatola yo o setseng ba mo tseele dithoto tse ba di kgobokantseng le moswi ba re ga ba mo itse mme se, se bake maikutlo go wela tlase.
O kgothaditse borre go nyala bakapelo ba bone, a tlhalosa gore go na le lenaneo la Re A Nyalana, le le thusang batho ba ba ntseng mmogo lebaka ba sa nyalana. Rre Nyatanga a re keletso ya gagwe ke go bona batho ba tshela sentle ba tsaya botsogo jwa bone tsiya ka go itlhatlhobela malwetsi ka nako. Mogakolodi wa tsa botsogo wa BOFABONETHA, Reverend Mpho Moruakgomo, o rotloeditse borre go itlhatlhobela malwetsi gammogo le go tsaya kalafi sentle.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Moruakgomo a re dipatlisiso di supa fa borre ba le bonya go tsaya kgato ka botsogo jwa bone mo ba felelang ba ya kokelong gole thata. O kopile borre go tsaya botsogo jwa bone tsia a kaya fa malwetsi a a sa tsibogelweng ka nako a ama botsogo jwa lelwapa mo go tsa tlhakanelo dikobo. A re bana ba batla tlhokomelo e e nonofileng a supa fa bontsi jwa bana ba gola ba sena thotloetso le kaedi.
A re batsadi ga ba na botsalano le bana ba bone bogolo jang borre, mme ba tshwanetse ba ruta bana maele a botshelo, ba ba lemotsha molemo le bosula. Moruakgomo a re puisano e botlhokwa mo lwapeng ka e hema dilo tse di ka bakang kgokgontsho e e ka bakang dipolaano. O kopile batsadi go rotloetsa bana ba basimane go nyala ka bonako le go tswa mo malwapeng a batsadi a tlhalosa gore banana ba tshwanetse ba fiwa ditsha ba le dingwaga tse di lesome le boferabongwe.
Mookamela mokgatlho wa Manpower Movement, Dr Godfrey Sebidie o kaile maikaelelo a bokopano e le go buisana phatlalatsa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, le go tsisa mmogo borre le bana ba basimane go utlwa matshwenyego a bone. A re bana ba ithuta ka tse ba di bonang di dirwa mo lwapeng mme go ame kgodiso le kgolo ya bone, selo se areng se ba gwetlhile go akaretsa bana ba basimane. Borre ba ne a supa matshwenyego a bone ka go farologana mo kgannyeng tsa kgokgontsho, botsogo tsa tlhakanelo dikobo, tsholo gammogo le tlhokomelo ya bana. Bana ba basimane le bone ba ne ba supa matshwenyego a bone jaaka go ikgatholosa ngwana ga motsadi, tiriso botlhaswa ya ditagi, dintwa tsa malwapa le go kgokgontshiwa.BOPA
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.