Setshaba se gakololwa go ikela thoko mo dirukutlhing tse di thopang batho, di ba ngoka ka go ba solofetse dintlenyane tsa lefatshe le le elang mashi le dinotshi, mme morago ba dirisiwe mo ditirong tsa borukuthi, ba bereke e le makgoba le go kgokgontshiwa. Kgakololo e ntshitswe ke tona wa lephata la boatlhodi le kago sesha ya magolegwa, Rre Nelson Ramaotwana bosheng ko phuthegong ya kgotla kwa Ramokgwebana. O supile fa dilalome tse, di itebaganya thata le banana le batho ba dingwaga tse di fa gare ba ba batlang ditiro, bangwe e le ba ba batlang nyalo, fa bangwe ba na le keletso ya go tsena dikolo.
“Ba a bo ba jewa ka loleme ke manweenwee, bangwe ba felela ba dumela, mme ba thanye ba ntse mosima wa phika ka marago, kajalo ba amogiwa sepe se ba se dirisang go tlhaeletsana le ba masika go kopa thuso,” ga tlhalosa Rre Ramaotwana. Tona Ramaotwana a re batswasetlhabelo ba dikgang tsa go thopiwa ba dirisiwa mo ditirong tsa bokgoba jaaka go ithekisa mmele go bereka masimo, mme bangwe ba kopane le bosetlhogo jo bo tseneletseng ba ntshiwa dikarolo tsa mmele tsa botlhokwa jaaka diphilo, tse go lemotshegang kgwebo ya tsone e godile. O ba kgothaditse gore fa ba ka tshokana ba bona motho a tla ka kgetsi ya madi a re o na le kgwebo mme tiro ya gagwe ke go batlela dikgwebo tse di kwa ntle babereki ba belaele sengwe mme ba begele ba sepodisi go dira ditlhotlhomiso.
Rre Ramaotwana o ba kgotlhaditse go nna podi matseba fa ba dirisa maranyane, ka gore bontsi jwa ba ba wetseng mo diphatseng tsa go thophiwa, ba ne ba dirisa maranyane go buisana le dirukuthi, ka jalo a re sepe se ba se belaelang ba itsise mapodise. “Go le gantsi, dirukuthi tse, di dirisa mathata a rona a gore batho ga ba bereke, ka ba itse gore mongwe le mongwe o eletsa go tshela sentle, fa bangwe ba batho ba batla manyalo,” ga rialo Rre Ramaotwana. Rre Ramaotwana o kopile morafe gore o seka wa neela ope yo ba sa mo itseng dipasa, dinepe, megala kana Omang ka se e le yone tshimologo ya mathata, a re go dira jalo motho o a bo a file serukuthi tsela ya go mo atumela, mme a felela a tsieditswe.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O kopile magosi, dikereke, dikolo le mekgatlho mo motseng go simolola go ela thoko le go lemoga maretshwa a a dirisiwang go ngoka batho, mme ba rute bana le ba ba sa itseng ka borukuthi jwa go thopa batho. Mopalamente wa Tati West, Rre Justin Hunyepa a re dikgang tsa go thopa batho di a tshwenya ebile di ama le matshelo a batho ka kakaretso, batho ba amegile ka mabaka a farologanyeng, bangwe ba tla ka malwetse, bogole kana ba tlhokafetse. Rre Hunyepa a re batho bangwe ba tsamaya ka go solofediwa ditiro tsa dituelo tse di kwa godimo, mme e re ba goroa kwa seemo se fetoge ka ba iphithela ba dirisiwa jaaka masole ba etelediwa kwa pele mo dintweng tsa mafatshe. “Go thopiwa go diga serite sa motho e bile go tsaya kgololesego ya motho le bokamoso ja gagwe kana go senye botshelo jwa motho gotlhelele,” ga rialo Rre Hunyepa.BOKHUTLO
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.