Banni ba Shakawe ba farologana ka megopolo mabapi le molao kakanyetso wa go simolodisiwa ga kgotla ya molao-motheo. Ba ntshitse megopolo ya bone mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane kwa Shakawe ka Labotlhano. Mongwe wa banni, Rre Keoleletse Ndhara a re o dumela fa kgotla ya molao-motho e ka thusa batho ba merafe e e sa lemogiweng jaaka wa Bambukushu le go sireletsa ditshwanelo tsa batho.
Ka jalo, a re e dirwe pele ga tshekatsheko ya molao-motheo ka kakaretso. Kgosi Osenotse Koloi wa Samochima le ene o ne a atla tshimolodiso ya kgotla ya molao-motheo a tlatsa ka gore e ka thusa kgaolo e a supang fa e ntse e beilwe ka fa mosing mo go tsa ditlhabololo fa e tshwantshwanngwa le tse dingwe. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Rakgajane Setswalo wa kgotla ya Mabodutsa kwa Shakawe ene o ne a supa matshwenyego a go tsuololwa ga ditshwanelo tsa bana bangwe mo kgaolong ya Okavango ba a reng ba tlogedisiwa batsadi go ya go nna kwa dikolong go simolola dithuto tse di kwa tlase.
Are se, se bakiwa ke gore dikole di agiwa kgakala le metse, e bile a supa gape fa dikole dingwe mo kgaolong ya Okavango di agilwe ka didirisiwa tse di sa siamelang bana di tshwana le matlhaka. Rre Bafenyang Ngaka e ne o ne a farologana le ba bangwe, a supa fa a eletsa gore puso e simolole ka paakanyo ya molao-motheo. A re Batswana ba na le dikeletso tse ba batlang di akarediwa jaaka go itlhophela Tautona ka tlhamalalo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mme Beauty Sarefo o ne a rotloetsa puso go batla ditharabololo tsa dikgwetlho di tshwana le ditsela, matshwenyego a thuto le botsogo go boloka matshelo. Fa a tlhalosa go le pele, mothusa Tona, Rre Moswaane o supile fa kgotla ya molao-motheo ele botlhokwa ka e sireletsa ditshwanelo tsa batho le go ranola molao. Rre Moswaane o boletse gape fa kgotla ya molao-motheo e ka nna bokaedi jwa thulaganyo ya tshekatsheko molao-motheo ka kakaretso gore e tsamaye sentle.BOKHUTLO
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.