Banni Ba Atla Mogopolo Wa

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 25 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Merafe ya metse ya Molepolole le Kopong ba supile fa ba dumelana le tshimolodiso ya kgotla ya ditsheko ya molao motheo ka e tla sireletsa ditshwanelo tsa batho. Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke tona wa lephata la metsi le bonno, Rre Onneetse Ramogapi ka Labobedi kwa Molepolole le Kopong ka go latelelana. Tona Ramogapi o ne a tlhalosetsa morafe fa puso e lemogile mosola wa go nna le kgotla eo ka e tla thusa go sireletsa ditshwanelo tsa batho, bogolo jang ka mo sebakeng seno go sena kwa ba ikuelang teng fa makgotla a ditsheko a tsere ditshwetso kgatlhonong le se ba se batlang.

A re ka jalo, puso e mo letsholong la go tsaya megopolo mo setshabeng gore a ba tlhokana le kgotla eo kana jang. Tona Rramogapi, yo gape eleng Mopalamente wa Palapye o tlhaloseditse morafe gore tiro ya kgotla ya ditsheko eo, e tlaabo ele go itebaganya le go sireletsa ditshwanelo tsa mongwe le mongwe mo setshabeng. Mongwe wa banni ba Kopong Rre Dipheko Motube a re o dumelana le kgotla ya ditsheko ya molao motheo mme o ne a re puso e lebe sentle gore a ke nako ya go fefosetsa go e diragatsa kgotsa e itebaganye le go rarabolola mathata a seemo sa itsholelo.

O ne a supa gape gore puso e ka bo e ne ya simolola pele ka go baakanya molao motheo wa lefatshe ka seo se tla fa kgotla ya molao motheo dintlha kgolo tse batla berekang ka tsone mme e bile di ba kaela gore ba bereka jang. Mme Gaone Mmatlinyana le Mme Galenamong Tshekiso ba re ba itumelela gore kgotla e, e tlaabo e tsile sentle mo nakong e banana ba sotlakakiwang ke bahiri bangwe mme go sena gore ba ka ikuela kae. Mme Keletso Moroke e ne a re le mororo a ise a tlhaloganye kgotla e, o dumela fa ele yone mopholosi wa gagwe mo dikgannyeng tsa go tseelwa lefatshe kwa masimong mme a setse a iphotlhere fela ka lekgotla la kabo ditsha le ikgatholosa selelo sa gagwe.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Tshwaragano Motswagole kwa Molepolole a re o batla kgotla e ka patla le jase mme a re fa go ne go kgonega e ka bo e simolodisiwa ka ponyo ya leitho go nne dikgang tse di marara tse di bogisang setshaba di ne di ka bona tharabololo. Yo mongwe monni wa Molepolole, Rre Joseph Tshireletso o iteetse moono o wa go tlhongwa ga kgotla e legofi, mme a re kgang tsa mofuta o di ne di le monate fa ne di roletswe magosi pele gore e nne bone ba di begelang setshaba. E rile a fa malebo, Mopalamente wa Molepolole Borwa Rre Shima Monageng o ne a supa fa kgotla ya molao motheo e le mosola fela thata mo go sireletseng ditshwanelo tsa batho.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 25, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope