Ba dirile se bosheng mo Mahalapye morago ga bokopano jwa bone jwa malatsi a mararo jo bo tshwarwang ngwaga le ngwaga go sekaseka gore ba tsamaya jang mo tirong ya bone. Fa a rola dimpho tseo Mookamela dikgolegelo tsa Botswana, Rre Anthony Mokento, o tlhalositse fa tiro ya bone ese go disa magolegwa fela, a supa fa ba na le thulaganyo ya go thusa sechaba segolo jang ba ba tlhokileng lesego. A re ba tlhophile sekole seo ka jaana ba ne ba lemoga fa se na le letlhoko le lentsi ka go bona bana ba ba-na-le bogole ba tlhoka ditlamelo tse di faphegileng.
Rre Mokento a re mowa o wa kutlwelobotlhoko le lerato ke moono o Batswana ba itsegeng ka one. A re go thusa baba tlhokileng lesego ga se gore motho o go dira ka gobo a na le gole gontsi ke sesupo sa lerato le bopelotlhomogi. Rre Mokento a re o dumela gore bana baka dira botoka fa ba bona ba fiwa lerato e bile ba engwa nokeng mo dikgwetlhong tsa bone.
Rre Mokento a re bana ba ba-na-le-bogole ba tlhoka go lemogiwa ba tshwana fela le bana ba bangwe ka dinonofo e bile ba lekana le bone ka ditshwanelo. O tlhalositse gore fa bana ba ka itemoga gore ba na le bokgoni ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo basa itiewe ke sepe tsebe. A re fa ba tsaya dithuto tsa bone tsia ba ka tsoga ba le maemong a a kwa godimo jaaka motho mongwe le mongwe.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Motshwarelela mogokgo wa sekole seo Mme Maipelo Monyatse o supile fa lekalana la ba-na-le-bogole le simologile ka ngwaga wa 2007, le tsaya bana ba ba-na-le-bogole ba Mahalapye le metse e mabapi. Mme Monyatse a re lefa gontse jalo lekalana le ga lena ditlamelo tse di tsamaelanang le diemo tsa ba-na-le bogole. Mme Monyatse a re ba na le bana ba ba-na-le bogole bale 59, basimane bale 37, basetsana bale 22 a supa fa ba itemogela matshwenyego a tlhaelo ya barutabana le sepalano.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.