Ditsha tsotlhe tse di abetsweng bagwebi ba ba ikemetseng mo lenaneong la Bonno di dikete tse di lesome le boferabongwe, makgolo a mararo, masome a mane le metso e mene (19 344). Se se builwe ke mothusa tona wa lephata la Metsi le Bonno, Rre Motsamai Motsamai, a araba potso ya palamente, e mo go yone, Mopalamente wa Gamalete, Rre Boniface Mabeo a neng a batla go itse palo tsotlhe tsa bagwebi ba ba ikemetseng ba ba thapilweng ka fa tlase ga lenaneo la Bonno. Rre Motsamai o supile fa kabo ditsha e, e le bontlha bongwe jwa maikaelelo a puso a gore dikgwebo tse di ikemetseng di nne le seabe le go fefosa kago ya matlo a lenaneo la Bonno.
A re palo e ga e a ema golo gole gongwe fela, ka jaana bagwebi ba etla ba ikgogela morago kgotsa ba palelwa ke go kgona ditumalano tse di beilweng, selo se a supileng fa se baka gore ba boele kwa morago. Le fa gontse jalo, o supile fa lephata Metsi le Bonno le tsweletse pele ka go abela bagwebi ba basha ba ba kanokilweng, go netefatsa gore lenaneo le tswelela pele. O supile fa khamphane e e abetsweng lefatshe go aga matlo a lenaneo la Bonno kwa Ramotswa e le GAP Infrastructure Corporation.
A re le fa go ntse jalo, lephata la Metsi le Bonno le ne la tlamega go boela morago tshwetso ya lone ka khamphane eo e ne e sa kgona go diragatsa ditumalano tse e neng e di beilwe pele ka mokwalo. “Ke netefatsa fa lefatshe le le abetsweng lenaneo la Bonno kwa Ramotswa le santse le le teng, mme ebile thulaganyo e tsweletse go batla khamphane e e ka abelwang lefatshe le go tsweledisa lenaneo,” a supa. Rre Motsamai o supile fa lephata la Metsi le Bonno, mo boemong jwa puso e le lone le abetsweng lefatshe ka fa tlase ga lenaneo la Bonno.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
“Go netefatsa gore theko ya matlo a Bonno ga a turele Batswana, ga mmogo le go tsaya taolo, lephata le hirisetsa bagwebi ba ba atlegileng lefatshe mme ba sa duele sepe,” a tlhalosa. Ka jalo, a re bagwebi ba tshwanetse go tlhabolola lefatshe le go rekisa matlo a a fedileng ba sa tsenye madi a lefatshe mo tlhatlhweng ya ntlo, a tlatsa ka gore ba ba rekang matlo ba duela kago fela le tse dingwe go sena madi a lefatshe mo teng. “Ka tsamaiso e ga gona tshekatsheko ya tlhatlhwa ya lefatshe e e dirwang ka e se bontlha bongwe jwa lenaneo,” a tlatsa.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.