Banni ba Gumare ba lela ka diji kwa masimong a bone.Mme Kgakologelo Mogopi, yo a lemang kwa masimong a Mavuyashire, o ikuetse mo mopalamenteng wa Ngami, Rre Philemon Aron, gore o tlhasetswe ke tsie e e ba senyetsang kwa masimong. Banni ba Gumare ba lela ka diji kwa masimong a bone. Mme Kgakologelo Mogopi, yo a lemang kwa masimong a Mavuyashire, o ikuetse mo mopalamenteng wa Ngami, Rre Philemon Aron, gore o tlhasetswe ke tsie e e ba senyetsang kwa masimong.
A re tsie eo e ntsi mme e ja dijwalo jaaka mmidi, ntshe le dithotse ka go ja matlhare le maungo mo dijwalo di omeleleng di bo di swa.Mme Mogopi a re ga se lantlha ba nna le seemo se ka se ne se le teng mo ngwageng o o fetileng.Mme a re seemo se, se ne sa begelwa ba lephata la botsogo jwa ditlhare. A re tsie eo e ntsi mme e ja dijwalo jaaka mmidi, ntshe le dithotse ka go ja matlhare le maungo mo dijwalo di omeleleng di bo di swa. Mme Mogopi a re ga se lantlha ba nna le seemo se ka se ne se le teng mo ngwageng o o fetileng.
Mme a re seemo se, se ne sa begelwa ba lephata la botsogo jwa ditlhare. A re ba eletsa fa lephata le ka ba tswa thuso ka go tshela dibolaya diji kwa masimong a bone le tikologo jaaka ba ne ba dira ngogola. Mme Kebuile Alobile, wa masimo a Xhekedao, ene o supile fa ba tshwengwa ke dipeba tse di jang mmidi le dithotse mo ba feletseng ba lema sesha.Mme Alobile a re ba lelela kwa pusong gore e ba thuse ka ba sena ditsompelo le bokgoni.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mme Kebuile Alobile, wa masimo a Xhekedao, ene o supile fa ba tshwengwa ke dipeba tse di jang mmidi le dithotse mo ba feletseng ba lema sesha. Mme Alobile a re ba lelela kwa pusong gore e ba thuse ka ba sena ditsompelo le bokgoni. Mogolwane wa botsogo jwa ditlhare kwa Okavango, Rre Boikanyo Moalafi, o tlhalositse fa go na le diji tse di lwantshiwang ke puso fa di amile balemi jaaka mofuta mongwe wa tsie wa African Migratory Locust, nonyane ya thaga le seboko sa Army Worm tse di jang dijwalo ka bokete jo bo kwa godimo.
[/paywall]