Banni bangwe ba Palapye ba kopile puso go ruta ka kgotla ya ditsheko ya molao motheo le molao motheo ka kakaretso. Ba buile se kwa phuthegong ee neng e buisiwa ke Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane kwa Palapye bosheng. Mongwe wa banni, Rre Opelo Modimooaitse o kopile puso go rerisa le go ruta Batswana mo go tseneletseng ka molao motheo.
Fa a akgela Rre Onalethata Letso o ne a supa fa a se kgatlhanong le go simololwa ga kgotla ya ditsheko ya molao-motheo mme a lemoga fa e ka thusa Batswana fela thata mme a dumalana le puso go e simolodisa. O ne a supa fa ba ba senang madi a go itsheka ba ka ya gone kwa kgotla kgolo ya molao-motheo mme ba thusega. Fa a ala kgang, Rre Moswaane o ne a tlhalosa fa a buisitse diphuthego di le mmalwa lefatshe ka bophara mme ka go tlhoka lesego, bangwe ba tsere letlhakore kgatlhanong le kakanyetso ya go tlhoma kgotla ya ditsheko ya molao motheo.
A re morero o puso e lekodisang Batswana wa maikaelelo a go simolodisa kgotla ya ditsheko ya molao-motheo ga o tshwane le wa ditlhopho ko go ipatlelwang phatlha mme o tlhokana le kakanyo e le nngwe fela mo Batswaneng. Rre Moswaane o ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2022, go nnile le pego ya lekoko le le neng le romilwe ke Tautona wa pele Rre Mokgweetsi Masisi nako eo la go sekaseka molao-motheo wa lefatshe mme Batswana mo lefatsheng lotlhe ka bophara ba ne ba bua ka lentswe le le lengwe fela ba kopa gore ba tlhomelwe kgotla kgolo ya molao-motheo. A re komiti eo ya re e ise e boele kwa go Tautona, ya re yone ga e bone go tlhomiwa ga kgotla kgolo ya molao-motheo go tlhokafala mme potso ya nna gore ba tsaya kae dithata tseo ka kopo eo e ne e tswa mo Batswaneng.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O tlhalositse fa kgotla ya ditsheko ya molao motheo e na le dithata di le dintsi tse di menaganeng. Mothusa tona o tlhalositse gape gore lekgotla tshekelo la molao motheo e le lekgotla le le tlhomiwang go sireletsa le go okamela molao-motheo wa lefatshe, go tolokolola le go tlhalosa ka fa o ntseng ka teng le gore ga gona epe kgotla ya ditsheko e e kwa godimo ga yone ka jalo fa e tsere tshwetso e tsere tshwetso. O ne a fa sekai ka kgang ya rre wa letso la Sesarwa yo o neng a nna dingwaga di le tharo kwa lefelong la setsidifatsi. A re kgang ya ngwana wa rre yoo ya go batla go mo robatsa kwa lefelong le a tlholegileng kwa go lone e ne ya seka ya atlega kwa kgotleng kgolo ya boikuelo ya ditsheko mme fa kgotla kgolo ya molao-motheo e ka bo e le teng, o ka bo a ne a e fetisetsa teng gore e lebiwe sentle ka leitlho le le tseneletseng thata.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.