Banni ba toropo ya Francistown ba kopile gore mogopolo wa go tllhamiwa ga kgotla ya ditsheko ya molao motheo o eme pele ka jaana go na le dieemo mo lefatsheng tse di ka tsibogelwang pele. Ba tlhalositse se, kwa diphuthegong tsa kgotla tsa Block 4, Monarch le Donga tse di neng di buisiwa ke tona wa boatlhodi le kago sesha ya magolelwa, Rre Nelson Ramaotwana mo Francistown bosheng. Bangwe ba banni ba ntshitse matshwenyego a tshwana go sa tlhaloganya sentle gore kgotla e, e ya go bereka jang, fa bangwe ba kaile fa go ka emiwa pele ka go tlhama kgotla e mme ga itebagangwa le seemo se se sa iketlang kwa dikokelong jaaka go tlhoka melemo.
Kwa Block 4, Mme Mlambo Nfila o kaile fa go le botlhokwa go tlhoma kgotla ya ditsheko ya molao motheo e bile e thokega, mme a kaya fa go ka nna kaone gore go itebagangwe le mathata a a mo lefatsheng pele. “ Kgotla ya ditsheko ya molao motheo re batla gore e tlhomiwe. Sebe sa phiri ke gore go na le mathata jaaka letlhoko la dipilisi.
A lefatshe le boele pele mo seemong ke gone kgotla e, e ka tlhamiwang,” ga tlhalosa jalo Mme Nfila Fa a tswa la gagwe, Rre Boycie Pekenene a kaya fa go tlhokana le kitso e tseneletseng ya gore kgotla e, e ya go bereka jang. Mo phuthegong e nngwe, banni ba kgotla ya Monarch le bone ba ne ba ntsha maikutlo a bone, mme bane ba kopa gore go seka sekwe molao motheo pele go ka tlhamiwa kgotla eo. Rre Gibson Puso, o ne a kopa tona gore go simololwe ka one molao motheo pele o sekasekwe ka jaana o sale o dirwa bogologolo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Fa a latlhela la gagwe, Rre Mshingo Mathews o ne a kopa tona go tlhalosa gore a go tla nna motlhofo gore Motswana yo o senang madi a kgone go itsheka kwa lekgotleng le. E ne e rile mo maitseboweng, tona Ramaotwana a ya go lekodisa banni ba kgotla ya Donga e ntse e le mo Francistown, mme bone ba supa fa ba le bete se molangwana ka go tlhomiwa ga kgotla e, mme segolo bogolo ele ka dikgang tsa go sa kaletsa bao ba ba atlholetsweng loso. Rre Simisane Ramaotswana o ne a tlhalosa fa Batswana ba thobaetswa ke gore e sale puso e ntsha e tsena ga go ise go kaladiwe ope ntswa go na le ba ba atlholetsweng leso. “Re le Batswana re dumela gore ope yo tseelang yo mongwe botshelo, tshwanelo ya gagwe e ema gone foo,” ga bua jalo Rre Ramaotswana.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.