Ba lekgotlana la kabo ditsha la Molepolole ba re monongwaga ba tsositse dinao go tlhomamisa gore baikopedi ba bewa ditsha tsa bonno le tsa kgwebo. Modulasetilo wa lekgotlana, Rre Moemedi Babitseng, a re ba tsibogetse dilelo tsa baikopedi mabapi le go salela kwa morago ka go aba ditsha kwa Molepolole le metse e e mo tikologo. A re ba sa le ba sega tema e ka 2023 kwa Gamodubu mme go tsweng foo, ba ya go baya ditsha kwa Mmanoko.
O supile fa ba ne ba kgona go baya palo ya ditsha e e namentsang, selo se se neng sa itumedisa banni ba metse eo. Rre Babitseng a re le fa go ntse jalo, ba santse ba tlaa ikgata motlhala go ya go baya ba ba iseng ba bewe mme a re ba santse baya go bua le beng ba masimo. Monongwaga go simolotswe go baya ka Mopitlo kwa Suping kwa go beilweng ditsha di le 134, tse 120 kwa Magokotswane, mme ka Motsheganong ba boela gape kwa Magokotswane kwa go beilweng ditsha di le 300. “Ka Seetebosigo re beile ditsha di le 173 kwa Magokotswane, ka Phukwi jaana re tshwanetse go baya ba le 300 gone kwa Magotswane, e ntse e le mo thoteng ya mantswe a Magotswane,” Rre Babitseng a tlhalosa.
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.