Motsholapheko o tlaa bolokwa ka Matlhatso

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 03 August 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Mokhanselara wa Sefhophe Rre Christopher Motsholapheko, yoo tlhokafetseng kgwedi ya Phukwi e le masome mabedi le bone, o tlaa bolokwa ka Matlhatso Phatwe a tlhola gangwe kwa Sefhophe. Rre Motshopheko, yoo o neng a fenya ditlhopho tsa setshaba ka 2024 ka fa tlase ga phathi ya Umbrella for Democratic Change mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare o tlhokafala morago ga go lwala ka lobaka le le khutshwane. Moemedi wa ba lelwapa, Kgosi Diloro Segwabe e bile e le rangwanaagwe moswi, o tlhalositse seo mo potsolosong fa Rre Motsholapheko a tlogela mosadi ,bana ba le bararo le batsalwa le ene ba le babedi.

Otlhalositse fa Rre Motsholapheko a ne a rata batho e bile e le moemedi wa popota, a kaya fa ba tlaa mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe tse dintle tse a di diretseng setshaba, mme a kgothatsa morafe wa Sefhophe go tshwaragana le go nna le tsholofelo mo Modimong. O tlhalositse fa go direla setshaba ga ga Rre Motsholapheko go ne ga dira gore a tlhophiwe go modulasetilo wa khansele ya Bobirwa ka ngwaga wa 2019.BOKHUTLO

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • August 03, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope