Mogolwane wa boipelego kwa khanseleng ya Mahalapye Rre Kgomotsego Basaako a re kgwebo e ka nna tharabololo ya mathata a letlhoko mo setshabeng. O buile jalo kwa thuto puisanong ya tlhabolola matshelo a morafe mo go tsa kgwebo mo kgaolwaneng ya VDC ya BOXHOMO mo Mahalapye ka Laboraro. A re go botlhokwa gore pele ga motho a dira kgwebo a itse tsamaiso ya kgwebo, go netefatsa gore mmaraka o teng le gore a kgwebo eo ena le letseno.
Rre Basaako a re o itemogetse gore Batswana ba rata go dira dikgwebo potlana tse di senang maduo. A re go batla banne mabogo-dika gore ba kgone go kgotsofatsa mmaraka ka jaana o batla tswelelopele ya go ntsha maduo a kgwebo. A re go botlhokwa gore motho a lebelele letlhoko pele la kgwebo e a eletsang go e dira, e bile a nne le maikaelelo a go ithuta mo kgwebong.
Rre Basaako a re kgwebo e batla bopelotelele le ponelopele ga mmogo le go emela dikgwetlho tsa phetogo ya mmaraka. A re motho o tshwanetse a nna le motlhatlheledi yo o itsing ka kgwebo go fa bogakolodi le kgothatso.
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.